Breaking News

Bogodu jwa go thuba matlo bo ile magoletsa

02 May 2017

Kgosi Mala Dithapo wa kgotla ya Meno/Mogadingwana kwa Maun a re o tshwentswe ke borukutlhi jwa go thuba matlo jo bo golelelang pele mo kgotleng ya gagwe.

E rile a bua mo potsolosong le lekalana la BOPA bosheng, Kgosi Dithapo a supa fa bogodu jo bo dirwa ke banana ba ba ineeletseng ditagi le majalwa ba sa bereke sepe mme e re bosigo beng ba matlo ba robetse, ba tswe letsholo la go thuba matlo a bone.

A re go lebega ba a bo ba leka go dira madi a ba ka rekang motsokwe le bojalwa ka go utswa dithoto di tshwana le megala ya letheka le dithelebishine go ya go di rekisa ka ditlhwatlhwa tse di ko tlase.

Kgosi Dithapo a re modiro wa thelebisine ya plasma ba o ila lebaibai ka fa ba ka e bona mme ba bone sebaka sa go tsena mo ntlong mong wa yone o tlaa fitlhela maloba e le maabane.

“Go lebega modiro wa thelebisine e, o le bogadi bo gaufi e rekisega ka bonako,” ga bua Kgosi Dithapo.

A re monongwaga fela go thubilwe matlo a le lesome le bongwe mo kgotleng ya gagwe, fa a le mararo a thubilwe ka malatsi a paseka mme dikgang tseo di le mo diatleng tsa ba sepodisi.

A re le fa go ntse jalo dikgang tsa dipetelelo le dikiteo ga di kalo mo kgotleng ya gagwe.

Kgosi o tsweletse a supa fa ba leka go kgalema mekgwa e e sa siamang kwa dikgotleng mme seo se sa thuse sepe ka go bo badira ditiro tseo e leng banana bogolo jang ba sa kgatlhegele go tla diphuthegong tsa kgotla.

O ne a supa fa banana ba kgotla ya gagwe ba sa tsenelele lenaneo la twantsho borukutlhi ka seo se ka thusa go fedisa borukutlhi mo kgotleng ya bone.

“Ke maikarabelo a banana ba kgotla ya Mogadingwana le morafe ka kakaretso go fedisa dikgang tsa mofua o, ga go na ope yo o tlaa di fedisang fa ba sa ikitee sehuba go tlhama komiti ya twantsho borukutlhi,” ga bua Kgosi Dithapo.

Kgosi Dithapo o supile gore fa go rafolelwa mananeo a nyeletso lehuma ke gone fela ba iponatsang mme e re fa ba sena go rafola ba tsamaele ruri ba tlaa boa fa go rafolwa gape.

“Fa go rafolwa kgotla e, e tlala e bo e penologa motho a gakgamale gore a boidiidi jo ke jwa kgotla e tota,” ga bua Kgosi Dithapo.

O ne a ikuela mo pusong gore ba fiwe marapo e le dikgosana go otlhaya badira melato ka go bo seo se ka thusa dikgosi go kganela maitsholo a a sa amogelesegeng mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matshelo Billy

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 02 May 2017