Thapelo ke makgonatsotlhe
02 May 2017
Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi Catholic, Bishop Valentine Seane o kopile balatedi ba kereke eo mo Kgalagadi Borwa ggo rapela ka thapelo e le yone makgonatshotlhe mo tharabololong ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong.
Bishop Seane o buile se mo pulong semmuso ya lefelo la Grotto le tlhomamiso ya barongwa ba ga Keresete mo kerekeng ya Kreste Motswedi Catholic e e itsegeng ka leina la Roma ka Tshipi mo Tsabong.
Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi o supile fa lefelo leo le tshwanetse go tlotlwa thata le gore balatetedi ba kereke eo ba tshwanetse go le obamela le go le dirisa ka tlotlo e e kwa godimo ka dinako tsotlhe.
Fa a tlhomamisa barongwa ba ga Keresete ba ba neng ba le masome mararo le borataro ba ba neng ba sa tswa go fetsa dithuto tsa barongwa ba ga Keresete mo kerekeng eo, o ba tlhaloseditse fa e le tshimimologo ya go rongwa go dira tiro ya Modimo.
O ne a ba gakolola go ikokobetsa go ineela le go direla Modimo ka pelo yotlhe le lorato ka go rera lefoko la gagwe jaaka e tlaa bo e le badisa, bagogi, bagakolodi ba basha, a kaya fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale.
Bishop Seane, yo o neng a etetse kereke eo a patilwe ke baruti le bosister ba kereke eo ka e ne e le letsatsi la Sabata, o ne a etelela pele tirelo ya tshipi ya letsatsi leo, go jesa selalelo, go segofatsa basupi ba tlhwatlhwa ba ga Keresete le gone go bula semmuso lefelo la Grotto.
Fa a araba dikopo tse di fetileng mo kerekeng eo, moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi o ne bolela fa kereke ya Makopong, Khuis le Kolonkwaneng di tlaa agelwa ditempele tse disha le gore Tsabong le Middlepits tsone di tlaa ntshafalediwa matlo a kobamelo monongwaga.
Modulasetilo wa bomme ba ga Marea Mmajesu, Mme Kelelelo Tumaeletse o tlhalositse fa lefelo la Grotto le fitlhelwa fela mo kerekeng ya Keresete Motswedi mo lefatsheng leno le a a kwa ntle.
Mme Tumaeletse a re ka ditso tsa kereke ya Roma, lefelo leo le tlotlwa thata ka go obamelwa Marea Mmajesu e bile ba dumela gore tsotlhe tse ba lopang fa ba fetisa dithapelo ka ene di tlaa goroga le go arajwa ke morwawe ebong Jesu Keresete.
O kaile fa lefelo la teng le obamelwa, go tlotlwa le gore ga le a tshwanelwa go tsosediwa modumo.
O ne a gwetlha balatedi ba kereke ya Roma go tswa mo mafelong a a farologaneng go tla go rapela mo lefelong leo nako nngwe le nngweka tsholofelo e le gore dikopo tsa bone tsotlhe di tlaa arajwa fa ba na le tumelo.
Mo mafokong a gagwe a tebogo, modulasetilo wa komiti ya Pastoral Parish Council mo kerekeng eo, Rre Thato Tumaeletse o tlhalositse fa e ne ya re ka 2014 e le ba phuthego ya kereke eo ba tswa ka mogopolo wa go aga lefelo la thapelo la Grotto ka ba ne ba lemogile fa le le botlhokwa.
Rre Tumaeletse o boletse fa gareng ga dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone e ne e le letlhoko la madi, tebego ya Grotto le gore dingwe tsa didirisiwa tsa kago di ne di se yo mo madirelong a dikago mo Botswana mme ba patelesega go di latela kwa ntle.
O ne a leboga phuthego ya kereke eo ka boithaopo le lorato jo ba neng ba bo supile ka go koleka didirisiwa mo kagong eo gareng ga tse dingwe e leng dikgetsana tsa semente, ditena, le matlapa.
Rre Tumaeletse o ne a phophotha legetla mongwe wa maloko mo kerekeng eo yo o neng a ithaopa go ntsha mpho ya sehikantswe sa ga Mme Marea Mma Jesu se e leng sone se tlotlomatsang le go kgatlhisa mo kagong ya Grotto se a tlhalositseng fa a se rekile kwa India.
Rre Tumaeletse o ne a kaya tiro e kgolo ya komiti e a e eteletseng pele e le go buisana ka ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa mo kerekeng, go phutha le tlhokomelo ya madi le gone go tshereganya mo dikgannyeng dingwe tse di ka tlhagogang mo kerekeng.
Mo letsating leo diphuthego tsa Roma go tswa Tsabong le mafelo a a mabapi di ne tsa abela Bishop Seane dimpho tse di akaretsang dijo, dino-tsididi, le madi e le tsela ya go mo leboga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine SimaneĀ
Location : TSABONG
Event : Pulo semmuso ya lefelo
Date : 02 May 2017






