Breaking News

Mphampha e a lapisa

02 May 2017

Kgosi Oatleng Setlhodi wa Chanoga o akgoletse batho ba kgaolwana ya Tsibogolamatebele mo kgaolong ya Nhabe mowa o montle wa go tlhabolola matshelo a bone, e seng go ikaega fela ka puso.

Kgosi Setlhodi o ntshitse kakgolo eo morago ga gore batho ba kgaolwana eo, e e dikhilomithara di supa go ya Chanoga, ba ikagele kamore e baoki ba tlaa neng ba ba thusetsa mo go yone.

A re seo se supa mowa wa lorato, tirisanyo mmogo, tebelopele le jone boipelego jo bo rotloediwang ke puso.

A tlhalosa fa batho ka bontsi ba ikaegile fela ka puso gore ke yone e ba thuse le ntswa puso le yone e lela ka letlhoko la madi le le golelang pele.

A re ba diragaditse se se kileng sa buiwa ke Tautona wa pele wa Amerika, JF Kennedy a re o ne a kopa batho ba lefatshe leo gore ba seka ba baya fela mo go thusiweng ke puso mme le bone ba ne ba ipotsa gore bone ba diretseng lefatshe la ga bone.

O ba tlhaloseditse fa ditlhabololo di simolola fela ka yone tsela ya mofuta oo, a tlhalosa fa ba ntse ba tsamaya sekgala se setelele go ya kwa Chanoga ba latela bongaka.

A re le gone go itekodisetsa ka fa tlase ga setlhare go ne go sa siama ka jaana malwetse mangwe a le sephiri.

A re go bo ba batlile setsha seo, ba se agelela ba bo ba tlhoma ntlo mo go sone go tlhofofaditse dilo ka ba tlaa tsisa le dikgang tse di ba amang tse di tshesane teng foo ga mmogo le dipeo go ka rulaganngwa fela gore ba di tseele teng foo.

Kgosi Setlhodi a re tiro e ntle eo e tlaa rotloetsa le Batswana ba bangwe ba ba kgakala le ditirelo go itirela jaaka bone, a re kgaolwana eo e tlaa gola ka jaana bontsi jwa batho ba ba mo go yone e le basimolodisi ba ditlhabololo tsa Chanoga.

Mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Maun, Rre Nico Folai, yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja kwa Maun Botlhaba, o ba akgoletse mowa o montle oo, a re ba tshware fela jalo.

O tlhalositse fa ene le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo wa kgaolo ya gagwe kwa Maun ba tlaa tsaya malebela mo bathong ba Tsibogolamatebele ka ba segile tema e ntle thata, segolo jang ka nako ya puso e amilweng ke kwelo tlase ya itsholelo e sena sepe se e ka ba thusang ka sone, a tlhalosa fa ba dirile se go tweng mokoduwe go tsosiwa o o itekang.

A re tiro eo e mo gopotsa mogopolo o o neng wa dirisiwa ka nako ya fa go agwa mmadikole fa go ne go twe motho le motho kgomo e bile gompieno ke seo sekole se thusa bana ba Batswana.

Mooki wa kokelwana ya Chanoga, Rre Lesego Mahupu a re o ne a thusetsa banni ba motse ka fa tlase ga setlhare go fitlhelela mme mongwe a mo neela semausu gore a thusetse mo go sone ka a re batho bangwe ba ne ba tlhokana le go kentwa.

O bile a re jaanong o itumetse thata ka a tlaa ba thusa a phuthologile mme a solofetsa go ntsha dikgetsi tsa semente di le tlhano gore jaanong ba kokotleletse go aga kago e e nonofileng.

Motsadi mongwe wa kgaolwana eo, Rre Lesole Dimbongo ene o ne gwetlhwa ke boithaopo jwa ga Mooki Mahupu mme a solofetsa  dikgetsi tse di masome mabedi fa kgosi a tlaa ntsha tse tlhano, mothusa modulasetilo a ntsha tse di lesome.

Molemisi ene o solofeditse dikgetsi tse tlhano tsa semente fa mokwaledi kwa ofising ya ga mopalamente a ntsha disenke di roba bobedi mme botsadi bongwe jone bo kaile fa bo tlaa ntsha dipekere le mohubu go aga matlwana a boitiketso le kokelwana ya motia. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : TSIBOGOLAMATEBELE

Event : Potsolotso

Date : 02 May 2017