Breaking News

Matlhare o itshetsa ka dinotshi

01 May 2017

Mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tokafatsa matshelo a Batswana a tsweletse ka go ogola setshaba mo isong.

Rre Shimane Matlhare yo o tlholegang kwa Kanye, ke mongwe wa ba ba nnileng le sebaka sa go akola mananeo morago ga go thusiwa ka kitso le didirisiwa mo thuong ya dinotshi.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Matlhare a tlhalosa fa a tswa kgakala a na le keletso ya go rua dinotshi.

O tlhalositse fa a sale a simolotse thuo ya dinotshi pele ga dithuso tsa puso.

Ka jalo e ne ya re puso e simolodisa mananeo a nyeletso lehuma a seka a ipona tsapa, a rwala ditlhako go ya go ikopela dithuso.

A re ka 2013 o ne a isiwa sekoleng ke ba nyeletso lehuma ga mmogo le ba lephata la temo-thuo kwa a neng a feta a rutuntshiwa ka tlhokomelo ya dinotshi.

Morago ga go wetsa dithuto, Rre Matlhare o ne a seka a dia nako mme a simolodisa thuo ya dinotshi.

“Dinotshi di bogadi bo gaufi, fa le go tlhabetse sentle ka paka ya dinotshi o felela o dira madi a a seng kana ka sepe, o phatsima,” ga bua Rre Matlhare.

Rre Matlhare ga a a remelela fela mo go rekiseng tswina mme o dira gape le setlolo sa molomo, pholetshe le setlolo sa mmele ka dinotshi.

Le fa go ntse jalo, Rre Matlhare o tlhalositse fa dinotshi di sa batle leuba ka di a tle di inee naga fa pula e seyo.

A re mo pakeng e e fetileng ya thobo ka Sedimonthole, o robile tswina ya bokete jwa selekanyo sa 75kg, mme e bile jaanong o solofetse go le gontsi mo pakeng e e tlang ya mariga.

A re e sale a simolola go rua dinotshi o itheketse kalakuma le podi, tse gompieko jaana di setseng di mo diretse moraka.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kabelo Baalafeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 01 May 2017