Boipelego bo tsweledisitse lefatshe la Botswana
01 May 2017
Tona wa dikago, matlo le boranyane, Rre Nonofo Molefhi a re ka ntlha ya boipelego le therisanyo lefatshe la Botswana le kgonne go tswelela pele mo ditirong tsa ditlhabololo.
Rre Molefhi yo e bileng e le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, o buile mafoko a fa a ne a abela Mme Gabotoswe Tlase wa kgotla ya Moineedi kwa Taupye ntlo ya dikamore tse nne e e agilweng ka P78 000 ke badiri ba lephata la gagwe mo Mahalapye.
A re pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso ka 1966, Batswana ba ne ba dira ditlhabololo di tshwana le dikole, dikokelwana le ditsela ka boipelego ba eteletswe pele ke dikgosi tse ka dipaka tsa mauba di neng di thusa merafe ya tsone ka dijo tse di neng di tswa mo masotleng.
A re tiro e e dirilweng ke badiri ba lephata la dikago, matlo le boranyane mo Mahalapye ke bontlha bongwe jwa go araba kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane ka bonno le go diragatsa maikaelelo a toro ya lefatshe la Botswana ya tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka matshelo a batho.
Rre Molefhi o bile a kopa Batswana go boela mo mokgweng wa dipaka tse di fetileng wa go thusa bangwe ka bone ka dikgomo tsa mafisa le thobo ya ditshane go lwantsha leshekere.
Rre Duncan Steady, yo e leng modiri wa lephata la dikago mo Mahalapye, o tlhalositse fa ba kgonne go fetsa ntlo eo ka dithuso tse di neng di tswa mo badiring ba lephata, mo bagwebing le batho ka bongwe ka bongwe.
A re e re ka ba ne ba lebanwe ke letlhoko la madi, ba ne ba tswa ka mogopolo wa go laletsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa lephata la dikago, matlo le boranyane kwa Masunga, Franstown, Tonota, Serowe, Palapye, Mochudi le Mabutsane motshameko o mo go one setlhopha sengwe le sengwe se neng se tshwanelwa ke go ntsha P500 go oketsa madi a go feleletsa ntlo eo.
E rile Mme Tlase wa dingwaga tse di masome matlhano le boferabobedi a tswa la gagwe, a akgolela badiri ba lephata la dikago go mo agela ntlo, go mo tsenyetsa metsi le go agelela lelwapa.
O bile a bolela fa jaanong botlhoki jwa gagwe jwa go tlhoka boroko e tlaa nna mainane mo go ene.
Mme Tlase yo bana ba gagwe ba ferang bobedi, o boleletse BOPA mo potsolotsong gore pele ga a thusiwa ka ntlo eo, o ne a tshela ka go kopa boroko mo baagisanying le go nna kwa matlotleng a batsadi kwa merakeng ya Tidi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Kabo dimpho
Date : 01 May 2017






