Go lwantsha melelo ya naga ke ga botlhe
27 Apr 2017
Mopalamente yo o itlhophetsweng Rre Mephato Reatile a re melelo ya naga e tlhoka gore banaleseabe ka go farologana ba tshwaragane ba tle ba kgone go e thibela le go e tima.
O buile se kwa thuto-seka dipuisanong ya barui e e neng e rulagantswe ke ba moepo wa Jwaneng le lephata la dikgwa le tshomarelo tikologo. Maikaelelo a bokopano jo e ne e le go tla go rerisanya le banaleseabe mabapi le go ipaakanyetsa melelo ya naga ga mmogo le go ba rutuntsha ka go kganela melelo e e ka tlhagogang mo dipolasing tsa bone.
Rre Reatile o ne a akgolela moepo wa Jwaneng tiro e ntle ya go tshwaragana le puso go lwantsha dikgwetlho tsa melelo ya naga.
A re puso e ne ya tlhaba mokgosi morago ga melelo e e neng ya fisa naga ka ngwaga wa 2008 le 2012. A re melelo ya dingwaga tseo e ne ya baka tshenyo e ntsi mo tikologong le batho ba tlhokafala.
A re go botlhokwa go abelana megopolo ya go thibela go sha ga naga le batho ka go farologana gore ba tle ba ipaakanyetse diemo tseo fa di tlhagoga. A re se se ka fokotsa ditshenyegelo tse di bakwang ke melelo ga bo ga bolokela puso madi.
O kopile Batswana gore ba emele mowa wa boithaopo ka dinao ka jaana o le botlhokwa mo diemong di tshwana le tsa go sha ga naga.
A re go ithaopa ke seabe sa Motswana mongwe le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Thuto-seka dipuisano
Date : 27 Apr 2017






