Breaking News

Ditlhabololo di tsweletse ka go nyeletsa setso

27 Apr 2017


Ditlhabololo tse di diragalang mo malwapeng ka bontsi mo Bobonong di tsweletse ka go nyeletsa matlo a Setswana.
Bontsi jwa matlo a, ane a thujwa go agwa a segompieno aa thata aa kgonang go emelelana le diphetogo tsa loapi.
Bogologolo gone  go  tlwaelesegile  gore  lelwapa  lengwe le lengwe le nne le  ntlo ya Setswana  e e  bidiwang sesoa.
Sesoa  ke ntlo  ego  apeelwang mo go  yone e bile e dirisiwa le go baya dithoto.


Rre Ditiro Moeletsi  wa  kgotla  ya  Dandane  o tlhalositse  fa lelwapa la gagwe le santse le nale ntlo ya Setswana e a e agileng ka ngwaga wa 1980.
Rre Moeletsi o boletse fa a sena maikaelelo ago thuba ntlo ya gagwe ya Setswana e gompieno e nang le dingwaga dile masome a mararo le bosupa.
O tlhalositse  fa  a nna a  ntshafatsa ntlo ya  gagwe, ka  go e rutomolola  a e rulelela sesha nako le nako fa borulelo jwa yone bo tsofala.
Rre Moeletsi a re mosadi wa  gagwe le ene  o nna ka go  ntshafatsa  lebotla  la ntlo  ya bone  morago  ga gona ga dipula.
Mme  Lebogang  Ditoro  wa  kgotlana  ya  Kgwatalala  o tlhalositse  fa  ntlo ya  gagwe  ya  Setswana e a e dirisang  jaaka ya boapeelo  e nale dingwaga dile masome  a  mane  e  ntse e agilwe.

O boletse  fa a sale a lemogile go nyelela  ga matlo a  Setswana  go sale gale, mme a ikaelela fa se seka se diragale ka ntlo ya gagwe.


A re go nyelela ga matlo a Setswana ke dikai tsa go supa fa ngwao e  nyelela  ka jalo puso  e tshwanetse go  tswa  ka  mananeo  aa  ka sireletsang  go nyelela  ga matlo a.
O lebogetse maiteko a dikole tsedi potlana ago aga matlo a Setswana mo dikoleng tsa bone ele tsela nngwe yago somarela ngwao.
Mme Wapelo  Seikaneng  wa  kgotlana  ya  Sebaela  o tlhalositse  fa  ntlo  ya  gagwe  e nale dingwaga dile masome a mararo le botlhano.
O tlhalositse fa ale motlotlo  go bo  ele mongwe  wa  Batswana ba ba santseng  ba  tshegeditse  ngwao  ka go  fitlhelwa  ba nale matlo a Setswana  mo malwapeng  a bone.
A re Batswana  ga ba a tshwanela  go thuba  matlo  a  bone a Setso  fa ba ago a segompieno.


O boletse fa se, seka supegetsa baeti  ba ba tswang  kwa  mafatsheng a sele  matlo a Batswana ba kileng  ba bo  ba nna mo go one  pele  ditlhabologo di tsena.
Rre  Joseph  Kalayakgosi  wa kgotla  ya  Bolamba  o tlhalositse  fa a sa tlhole  a nale ntlo ya Setswana  mo lwapeng  la  gagwe.
A re ditlhabololo  di  dirile gore a thube  ntlo  ya gagwe  ya Setswana mme  a age  ya  sekgowa.
O  tlhalositse fa ntlo ya Setswana e tlhoka tlhokomelo e ntsi ka lebotla le borulelo jwa yone bo tlhoka go nna di shafadiwa . BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : BOBONONG -

Event : POTSOLOTSO

Date : 27 Apr 2017