Breaking News

Mothooagae o ora wa mariga

27 Apr 2017

Bangwe banana ba tsweletse ka go galaletsa puso go bo e eme dikgwebo tsa Batswana nokeng ka e kgona go reka didiriswa tsa bone.
Seo se builwe ke mongwe wa banana yo o inaakantseng le mananeo a a ntshitsweng ke puso ya lefatshe leno gore ba kgone go itshetsa go lwantsha lehuma le go fokotsa letlhoko la ditiro le le amang banana ka bontsi.
 Mananeo a nyeletso lehuma a a akaretsang a go rua dihutshane, go apaya borotho, go dira meriri, go rua dikoko magareng ga a mangwe a tsweletse ka go tlodisa bangwe melatswana.
 Rre Oofha Mothooagae wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa ke mongwe wa banana ba Kanye ba ba akotseng mangwe a mananeo ao.
A re o ile a seka a ipona tsapa mme a etela ba lephata la banana go kopa thuso mme kopo ya gagwe ya atlega a thusiwa ka madi a a kana ka P98 000 ka ngwaga wa 2016 kgwedi ya Tlhakole.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA, moeteledipele wa madirelo a Dikobotlo Manufacturer o tlhalositse fa a rekile didirisiwa ka madi ao.
A re mo madirelong a gagwe, o dira ditafole, o baakanya didirisiwa tsotlhe tse di dirilweng ka polanka, o dira ditilo, mme a tlatsa ka gore kgwebo ya gagwe e inaakantse le sengwe le sengwe se se dirilweng ka polanka.
Rre Mothooagae o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya go dira didirisiwa ka polanka ka a e rata e bile gape a na le botsipa jo bontsi mo go yone.
A re le fa a e dira jaana, ga a ise a tsene dithuto gope tsa yone mme o tsere botsipa jotlhe mo go rre rraagwe, a tlhalosa fa rraagwe a ne a dira didirisiwa ka mefuta tsa polanka.


O buile fa rraagwe a mo rutile gore tiro ya diatla ke yone mang mang mo botshelong e bile e ka  isa botshelo jwa motho golo gongwe mme a ititaya sehuba gore o tlaa itshetsa ka yone.
A re rraagwe ke ene morotloetsi wa gagwe e bile o ipela ka ene. A re o leboga lephata la banana go bo le mo thusitse go bula kgwebo e gompieno e mo tlodisang dinoka di tletse.
A re le fa gone kgwebo ya gagwe e mo fa madi a a sa lekaneng tse a di lopang  o boletse fa dipoelo tse a di boneng a kgona go hema mathata a botshelo ka tsone.
Rre Mothooagae a re  o ja mofufutso wa phatlha ya gagwe e bile gape ke ene a tlhokomelang bo kgaitsadie ka dipoelo tsa kgwebo ya gagwe.
O tlhalositse fa a thapile banana ba le bararo gore le bone ba kgone go oba letsogo le go fokotsa letlhoko la ditiro.


Rre Mothooagae o buile fa a filwe talente e ke Modimo ka jalo o tsile go e dirisa go fetola matshelo a batho ba le bantsi ka o tsile go thapa banana ba bangwe gape.
A re maikaelelo a gagwe ke go godisa kgwebo ya gagwe gore  e  godise itsholelo ya lefatshe leno ka a tsile go dirisa didirisiwa tse dintle tse di tlaa dirang gore Batswana ba di kgatlhegele  mme ba emise go reka didirisiwa ko mafatsheng a sele e bile gape di tura.
O tlhalositse fa a leboga Modimo go bo a mo file talente e ka jalo o kopile banana jaaka ene go dirisa ditalente tsa bone gore ba itshetse. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : KANYE

Event : Nyeletso lehuma

Date : 27 Apr 2017