Breaking News

Kgwebo e ntsha maduo a mantle

27 Apr 2017


 Rre Joel Tshololang wa digwaga tse 67 a tlholega mo motseng wa Bobonong o tsaya kapei ka tlhwaafalo mo e bileng a tshela ka yone.
 Erile mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, Rre Tshololang  a tlhalosa fa a simolotse a bereka kwa Afrika Borwa mo meepong ka ngwaga wa 1965 go fitlhela ka ngwaga wa 1970. E rile a boela mo gae a tla a bona tiro mo komponeng ya STA kwa e rileng a le koo a tsewa ke ba moepo wa BCL ka ngwaga wa 1973.
“Ke ne ka tlogela tiro ko moepong wa BCL mo Selebi Phikwe ke sutela ba bangwe ka e bile ke ne ke le gaufi le go tswa ka ntlha ya bogodi e le ka ngwaga wa 2004,” ga bua Rre Tshololang.
 Rre Tshololang a re o ne a ya go nna kwa morakeng go fitlhela a ya go simolola kgwebo ya kapei le mme yo a tshelang le ene ebong Mme Kebareng Tshololang ko Dikgatlhong.
“Gore re simolole kgwebo e ne e le nako e go neng go agiwa letamo la Dikgatlhong, kwa batho ba China ba neng ba batla baapei ba ba ka apeelang babereki ba bone,” ga bua Rre Tsololang.
A re ba ne ba simolela kgwebo ya bone gone foo go fitlhela kago ya letamo e fela ka ngwaga wa 2012.
Rre Tshololang a re borakompone eo ba ne ba eletsa go tsamaya le bone ko ba neng ba ya  go direla teng,kwa mafatsheng a Namibia le Mozambique ka ba ne ba ratile kapei ya bone.
O ne a tswelela a re ba  ne ba bona go le kgakala mme ba ba kopa gore ba batle fa ba ka nnang teng mo Francistown,fa ba ne  ba bona ntlo kwa Block 2 kwa ba neng ba fudugela mo Area L fa ba apeelang teng gompieno.
“Borre ba ba ne ba nna ba re latela ko Block 2 go tla go reka dijo teng le go bua gore ba tlaa ja eng ka letsatsi leo,” ga bua Rre Tshololang.
“E re ntswa re sa le foo ra bona gore kgwebo ya rona e ntsha maduo a a nametsang, mme ra ya go nna fa Ntshe house go bapatsa dijo tse re di apayang,” a tlhalosa.     
Rre Tshololang a re se se ne sa atolosa kgwebo ya bone mo ebileng ba setse ba ikwadisitse go duela lokgetho.
“Ke rekisa dijo tsa Setswana ka go farologana, bogobe jwa lerotse, bogobe jwa mabele jo re bo apayang ka mashi,seswaa,bogobe jwa lephutshi jo re bo apayang ka mashi,morogo wa Setswana le tsa sekgowa ka go farologana ga tsone,” a tswelela a tlhalosa.
Batho ka bontsi ba setse ba na le kgatlhego e ntsi ya go reka dijo tse re di rekisang mo e bileng ba setse ba tswa ko mafelong a a kgakala le rona go tla go reka dijo tsa motshegare,ga bua Rre Tshololang.
Fa a bua mo potsolotsong a re batho ba ne ba nna le kgatlhego mme kgwebo ya gagwe ya atlega mo a setseng a kgona go duela fa re apeelang teng le babereki ka dipoelo tsa kgwebo.
Rre Tshololang a re ba setse ba lemogile gore bareki ba gagwe ba setse ba rata go reka bogobe jwa lephutshi e bile bo isa kgwebo ya gagwe ko godimo fela thata.
O tswelela a tlhalosa fa kapei e ya bogobe jwa lephutshi a e tsere mo mongweng wa tsa kapei kwa Gaborone morago ga go lelediwa ke ngwana wa gagwe yo o nnileng le kgatlhego a sena go ja bogobe jwa mofuta o mo mmeng yoo.
A re bogobe jwa lephutshi bo apewa fela jaaka jwa lerotse jo batho ba bo itseng e le thopi mme jo bone ba bo tshelela ruri madila le sukiri fa ba thatlega lephutshi gore di butswe le lone ebo  go ka  tshelwa bopi.
A re lephutshi le ke le le tlwaelesegileng fela, le a le rekang mo marekisetsong a dijo.
“Bogobe jo batho ka bontsi ba a bo rata mo ba batlang go itse go le gontsi ka jone,” ga bua Rre Tshololang.
Le fa ntswa ba a bapileng le bone ba setse ba na le kgatlhego e ntsi go ka apaya bogobe jo a re ga a ise a nne le mogopolo wa go ka ba neela ditsetlana tsa go bo apaya ka ba ka mo tseela bareki ka gore ke bone fela ba ba bo rekisang  mo Francistown.
Rre Tshololang a re o butse kgwebo e nngwe ko Tonota kwa le gone a rekisang dijo e bile a na le setlankana sa yone le fa e sa ntshe maduo a a nametsang.


Fa a tswelela a re e sale ka a simolotse kgwebo e ga a ise e nne le thuso epe go tswa mo makalaneng a puso ka gore o ne a le pelo telele go ka bona a atlega mo go se ke se dirang ka e ne e le maikaelelo a gagwe.
O tswelela a bolela gore ene le fa a bona a atlega mo kgwebong ya gagwe ga ise a tsene sekole mme fela se a boneng se le botlhokwa ke gore a itse go kwala leina la gagwe.
“Ke setse ke na le barotloetsi ka go farologana ba ba mpitsang gore ke ba apeele mo meletlong ka go farologana,”  a tlhalosa.


Rre Tshololang a re ga a ise a nne le kakanyo ya go kwadisa ditsetlana tsa go apaya bogobe jo jwa lephutshi mo diphadisanong le baapei ba bangwe. 
Ke rotloetsa batho gore ba nne pelotelele mo go se ba se dirang ba bo ba nne le kelotlhoko mo botshelong, dikgwetlho di nna di le teng fela mme re tshwanetse go di lwantsha,” Rre Tshololang a tlhalosa.
A re o rotloetsa balemi gore ba ne ba lema lephutshi le dijo tsa Setswana ka gore bontsi ba a di tlhoka fela thata mo dikgwebong tsa bone.


Fa a tswelela a re le ngwana wa gagwe wa molemi o nna a mo rotloetsa go lema lephutshi thata ka gore o a le tlhoka gore a kgone go apaya bogobe jwa teng malatsi otlhe.
Esale ka ke simolola kgwebo e ga ke ise ke amogele dingongorego dipe go tswa mo bareking fa e se fela gore ba batla gore ke apee bogobe jwa lephutshi malatsi otlhe a beke,” a bua jalo mo potsolotsong.
“Dijo tsotlhe tse ke di apayang di a fela dinako tse dingwe di a tlhaela ka gore bareki ba otetsega nako le nako mo e leng sekao sa gore kwebo ya me e a gola e bile e na le kgogedi mo setshabeng,” ga bua Rre Tshololang. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Jaku

Location : FRANCISTOWN

Event : potsolotsong

Date : 27 Apr 2017