Palapye e nna boremelelo jwa manweenwee
27 Apr 2017
Mapodisi a Palapye a tshwentswe ke borukutlhi jwa manweenwee a a atileng ka go tsietsa batho ba re ba ba rekisetsa ditsha tsa bonno mme e se tsa boammaaruri.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, mookamela mapodisi a Palapye, Superintendent Waboraro Ramaja a re jaaka motse wa Palapye o tsweletse ka go itemogela kgolo, manweenwee a dirisa seo e le sebaka sa go tsietsa ba ba batlang ditsha tse di rekisiwang mo motseng oo.
Superintendent Ramaja o tlhalositse fa gangwe le gape ditsha tse di sa tlhabololwang mo Palapye di fetogile go nna boremelelo jwa borukutlhi a supa fa manweenwee ba di dirisa go tsietsa batho ka tsone.
Rre Ramaja a re ba itemogetse fa manweenwee ba a fa batho ditlankana tsa ditsha tse e seng tsa boamaaruri mme ba tsene ka lenga la seloko morago ga go tsaya madi mo go bone.
A re batho ba ba rekang ditsha ba tshwanetse go ikopanya le lephata la kabo ditsha go rurifatsa fa ditlankana tsa ditsha tse ba di rekang e le tsa boammaaruri pele ga ba ka dira dituelo.
Mo go tse dingwe, Superintendent Ramaja a re borukutlhi jwa go thubiwa ga matlo motshegare mo Palapye bo tsweletse ka go gola.
A re morago ga go lemoga fa borukutlhi jwa go thubiwa ga matlo bo tsweletse ka go golela pele, ba ne ba tshwara diphuthego tsa dikgotla di le mmalwa go ruta morafe ka fa ba ka sireletsang dithoto tsa bone ka teng.
O supile fa borukutlhi jwa go thubiwa ga matlo motshegare bo kekela ka go bo banni ba sa dirise lenaneo la ntebele-ke-go-lebele.
E re dikgang di eme jalo, Superintendent Ramaja a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro, a ikgapetseng botshelo ka go ikaletsa mo setlhareng kwa kgotleng ya Modibedi kwa Lecheng kgwedi eno e tlhola masome a mabedi le boraro.
Rre Ramaja a re moswi o ne a thapilwe ke sesole sa Botswana mme a direla kwa kampeng ya Sir Seretse Khama Baracks kwa Mogoditshane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : PALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 27 Apr 2017






