Breaking News

Balemi ba leboga puso

27 Apr 2017

E re ntswa dipula tse di neleng mo pakeng ya letlhafula di ile tsa baka merwalela ga mmogo le tshenyo e ntsi mo masimong, bangwe balemi ba ile ba bona thobo e e nametsang ka ba ne ba sa senyegelwa ke dijalo kwa masimong a bone.
Le fa go ntse jalo, balemi ba masimo a Poana mo kgaolong-potlana ya Lentsweletau ba re ba leboga puso go bo e ile ya tsaya matsapa a go lemela balemi botlhe ba ba sa ntseng ba na le kgatlhego ya go lema.
Ba re seo ke sekao sa gore puso e batla ba tsosolosa mowa wa go itemela gona le go reka dijo tsa mafatshe a sele dinako tsotlhe ga mmogo le go godisa itsholelo ya balemi.


Mongwe wa balemi bao Rre Tshepiso Matokote a re ntswa a tswa kgakala le temo o ntse a sa tia moko mo dingwageng tse di fetileng, mme fa e sale puso e simolola go ba lemela o ile a ema ka dinao go bona gore le ene o inaakanya le temo gape.
Rre Matokote a re pele ba ne ba kgobiwa marapo ke gore go lema gone go tura mme e re o sena go lema jalo dijalo tsa teng di fisiwe ke letsatsi, mme seo e nne ditshenyegelo tse dintsi thata mo moleming.
A re leuba le lone le ne le gaketse mo dingwagetseng tse di ileng go sa tshwane le nako ya gompieno ka pula e kgona go na mo go kgotsofatsang mme go nne le thobo.


Fa a bua mo potsolotsong le ba BOPA, a re o ile a lema ditema di le thataro kwa tshimong ya gagwe, a lemile mmidi, ditloo,magapu le dinawa mme dijalo tseo tsotlhe di ne tsa ata gore e be di nne mo seemong se se kgatlhisang sa thobo.
A re mo thobong e a e boneng segolo jang mmidi  le dinawa di ile tsa rekwa ke khansele gore e di ise kwa sekoleng se sebotlana sa Kgope ga mmogo le sa Lentsweletau gore di jewe ke baithuti.
O tlhalosa gore dipoelo tse a di boneng fa a rekisetsa khansele di ile tsa mo tiisa moko, mme a bona gore thobo e nngwe  a  e rekisetse batho ka bongwe ka bongwe ga mmogo le go ya go rekisa kwa Molepolole le Gaborone.
O tsweletse a tlhalosa gore le ba ofisi ya balemisi ba ne ba dirisana sentle le ene ka ba ne ba sa ipone tsapa go ya go lekola gore dijalo di ntse jang ga mmogo le go mo fa dikgakololo, a re seo ke sesupo sa gore puso ga e batle ba lema fela, mme e ba rotloetsa le go tlhokomela dijalo gore di seka tsa  swa.


Rre Matokote a re o ile a nna le kgwetlho ya seboko sa segopa se se neng se senya dijalo, mme a re tshenyo e ne e se ntsi ka se ile sa a ja bontlha bongwe jwa mmidi o o neng o le teng mme e seng go o ja otlhe.
Molemi yo mongwe  Rre Themba Molebatsi a re le ene o leboga puso ka go mo lemela ka a ile a rekisa letlhafula mo dikoleng ga mmogo le go ya go rekisa kwa Gaborone. A re dipoelo e ne e le tse di nametsang ka a ile a reka didirisiwa dingwe tsa temo-thuo.
Rre Molebatsi a re temo gape e mo sologetse molemo ka bontlha bongwe jwa thobo ya gagwe e ne e le dijo tse a di jang le ba lelwapa la gagwe, mme seo sa dira gore ba tile tlala ga mmogo le go reka kwa mabentleleng.
A re ntswa a ne a atlegile, erile fa dijalo di sa ntse di le dipotlana o ile a kopana le kgwetlho ya dipodi tse di neng di mo senyetsa. A re mme o ne a latedisa beng ba dipodi tseo go arabela molato wa tsone, mme ba nna le tirisano  ka go tima molelo ka dipodi di le pedi. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : LENTSWELETAU

Event : POTSOLOTSO

Date : 27 Apr 2017