Monna o itshetsa ka go roka
27 Apr 2017
E re le ntswa tiro ya go roka diaparo e itsiwe e le ya bomme go tsweng goo lowe, Rre Mooketsi Baipidi yo o dingwaga tse di masome matlhano le bone wa Maun o inaakantse le kgwebo ya go rokela batho diaparo go inamola mo lehumeng la nta ya tlhogo.
Mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, Rre Baipidi o supile fa a bone go le maleba go itshimololela kgwebo ya go roka diaparo ka a ne a tshelela mo lehumeng le ba lelwapa la gagwe.
O ne a kaya fa a ne a tshela ka go bereka namola leuba le ipelegeng mme morago a bona fa madi a a neng a atswiwa ka one a ka seke a kgone go tlamela ba lelwapa la gagwe.
Rre Baipidi o kaile fa a amule kitso ya go roka mo go moswi mmaagwe yo o neng a le moroki yo motona mme o ne a nna a lebeletse ka fa a rokang ka teng mme a felele a itsile go roka mo a neng a kgona go thusa mmaagwe.
A re mochine o o rokang o a o dirisang mo kgwebong ya gagwe ke o a o tlogeletsweng ke mmaagwe mme a bona go le botoka go o dirisa go hema tlala.
Rre Baipidi a re o rwala motshine wa gagwe ka baesekele letsatsi le letsatsi go ya kwa marekisetsong a old mall kwa Maun kwa a tlholang ka fa tlase ga setlhare a rokela teng.
A re tiro ya gagwe ke go tshwaraganya le go baya didibo mo diaparong fa go gagogileng teng kana fa go gotlhegileng teng mo seaparong.
A re se sengwe gape se a se dirang ke go baakanya mesese le marokgwe, go tsenya dikonopo, go ngotla le go oketsa diaparo gore di kgone go lekana beng ba tsone.
Rre Baipidi a re o setse a kgona go tlamela ba lelwapa la gagwe ka letseno le a le bonang go tswa mo kgwebong e ya go roka.
A re mo letsatsing batho ba kgona go tsisa marokgwe a le lesome ka palo mme a lope dipula tse di makgolo a mararo go ya ko go makgolo a mane.
O tsweletse a supa fa a ikaelela go atolosa kgwebo ya gagwe ka lemmenyana le a le bonang go nna madirelo a matona a a rokang gore a tle a kgone go tlhama ditiro.
Rre Baipidi a re motshine o a o dirisang go roka o siame fela thata ka o sa dirise motlakase e bile a kgona go o rwalela gongwe le gongwe kwa a batlang teng.
A re le fa go ntse jalo, o lebaganwe ke kgwetlho ya seemo sa bosa se tshwana le dipula, serame le megote e e feteletseng di mo itsa go dira tiro ya gagwe sentle.
O rotloeditse batho bogolo jang banana ba ba nnang kwa malwapeng ba sa dire sepe go itsolopanya go dirisa dipe dikitso tse ba nang natso go itirela letseno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : MAUN
Event : POTSOLOTSO
Date : 27 Apr 2017






