Breaking News

Dikomiti tsa motia di ka isa metshameko pele

27 Apr 2017

Mogolwane mo lephateng la go nonotsha banana, tlhabololo metshameko le ngwao kwa Bobonong Rre Matlhomola Kebifetswe a re ditlhopha tse di tsayang karolo mo dikgaisanyong tsa kgaolo di tshwanetse go tlhopha boeteledipele jo bo tlhwatlhwa e bile bo na le leitlho le le lebelang kwa pele gore ditlhopha di tswelele di tshwaragane le gore batshameki ba gole.  
Fa a bua mo bokopanong le batshameki ba kgaolo ya Mmadinare bosheng, Rre Kebifetswe o gakolotse ditlhopha fa go le botlhokwa gore fa ba tlhopha boeteledipele jwa ditlhopha tsa bone segolo bogolo motshwara madi le modulasetilo ba setlhopha ba ba supe kwa bogosing kgotsa mapodising.


O ne a bua se ka batshameki ba na le go gotlhagotlhana ka lebaka la madi a ditlhopha di atswiwang ka one. A re se fa se ka tswelela metshameko e ka seke e ye gope fela ka ditlhopha di tlaa tswelela ka go thubega.
Rre Kebifetswe o supile fa lephata la gagwe le itemogetse bothata jwa gore batshameki ba supe fa ba sa duelwe madi ntswa go supafala fa madi a duetswe mme kwa morago bangwe ba batshwara madi ba supe fa ba a ikadimile ntle le go buisana le ba ditlhopha tsa bone.


Rre Tumelo Gaokwalelwe, le ene a tswa kwa lephateng la banana one a  gakolola batshameki go kwadisa ditlhopha tsa bone le go bula matlole a ditlhopha go itsa dikgotlhang gareng ga batshameki le batshwaramadi ba ditlhopha tsa bone.
Mo bokaponong joo, batshameki ba ne ba lela ka go dirisa batshwaraphala ba ba senang maitemogelo. Ba supile fa ditlhopha di retelelwa ke go kgobokanya madi a go duela batshwaraphala mme se se felele se dira gore ba dirise mongwe le mongwe go tsamaisa metshameko ya bone.


Modulasetilo wa komiti ya metshameko ya dikgaolo e le wa kgaolo ya Mmadinare Rre Joseph Dintwa o ne a tlhalosa fa go le mo batshameking go tsaya boikarabelo gore metshameko e gole e ba ise golo gongwe. Rre Dintwa a re ba ka tlhabolola matshelo a bone ka metshameko e fela fa ba e tsaya ka tlhwaafalo. Batshameki ba ne ba rotloetswa go isa tse di tlhokafalang ka nako gore dituelo di dirwe ka nako. Ba ne ba gakololwa go ela tlhoko gore bo Omang ga ba a siiwa ke nako ka fa go ntse jalo dituelo di ka seke di dirwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Ditsheko

Location : MMADINARE

Event : Bokopano

Date : 27 Apr 2017