Go bitsa maina a ditsela dikago le mekgwatha go tlhoka therisanyo- Ratoropo Mojuta
26 Apr 2017
Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Amogelang Mojuta a re go mosola go nna le maina a ditsela, dikago tsa setshaba le mekgwatha ya mo metseng go tlhofofatsa gore fa motho a tlhagelwa ke mathata a kgone go kaela ba ba maleba jaaka ba sepodisi le ba botsogo go sena tiego.
Rre Mojuta o buile se fa a ne a lekodisa babega dikgang ka kgatelopele e ba e fitlheletseng ya go tlhabolola toropo ya Selebi Phikwe.
Rre Mojuta a re ba ne ba nna le morero le marara a toropo ya Selebi Phikwe,morafe ka kakaretso le ba komiti ya ditlhabololo gore ba nne le seabe sa go bitsa maina a toropo ya bone.
Rre Mojuta a re banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba ne ba ntsha maina mme a ya go sekwa sekwa kwa khuduthamageng ya khansele kwa a ileng a tseelwa ditshwetso teng, a re ba dirile se go itsa dikgotlhang le dikgogakgogano magareng ga morafe le khansele.
Rre Mojuta o tsweletse a re maina a a bitswang a tshwanetse go nna a batho ba ka ipelafatsang ka one e bile a kgona go balega, a supa ditso tsa Batswana tse ba ka di gakologelwang ka maina a go nna jalo go akaretswa maina a batho ba ba diretseng lefatshe ka bokgabane.
Rre Mojuta o tsweletse a re maina a a bitswang ga a tshwanela go kgetholola ka letso,bong le mmala le sepolotiki a re tse di tshwanetse go elwa tlhoko gore ga di diragale. E rile a tswa la gagwe mogolwane wa lephata la mealo ya toropo, bonno le tlhokomelo ya dithoto tsa khansele, Rre Lazarus Kolenyane a re ba dirile ka thata go bona gore ga ba kgaphele ope kwa ntle mo tirong ya go taa maina a mafelo ka kakaretso ka banni ba toropo ya Selebi Phikwe e le bone ba ba itseng go le go ntsi ka ditso tsa toropo ya bone.
Rre Kolenyane a re therisano ya bone le ba komiti ya ditlhabololo e simolotse ngwaga o o fetileng ka Sedimonthole mme mo nakong ya gompieno ba le kwa motsubong wa yone.
Rre Kolenyane o ne a tlhalosa fa maina mangwe a batho ba tlwaetseng go a bitsa a fetogile mme a tlhalosa fa ba tlaa ikopanya le ba ba maleba jaaka ba dipalamo tsa setshaba go netefatsa gore maina a masha a tsena mo tirisong.
Rre Kolenyane o ne a fa sekai ka lebala la metshameko le le tlwaelesegileng ka go bidiwa Selebi Phikwe Stadium mme a re mo nakong ya gompieno le tlaa bidiwa Samson Intergrated Stadium mme a kopa setshaba go le tsenya mo tirisong.
E rile a wetsa a tlhalosa fa e le bone khansele ya ntlha e ba tlaa tsenyediwang mabokoso a poso ke ba Botswana Post ka go lemoga fa toropo ya bone e nnile le kgatelo pele mo go bitseng mekgwatha ka maina.
E rile a tswa la gagwe mokwaledi wa khansele ya Selebi Phikwe Rre Godimo Garegope a tlhalosa fa tiro ya go bitsa mafelo maina e wetse mme go setse fela gore ba itsise morafe ka kakaretso ka go tsenya maina ao mo dikoranteng di tshwana le DailyNews, Botswana Gazette le go dira mealo ya mekgwatha le go baya diboard fa go tlhokafalang.
Rre Garegope a re ba sa ntse ba saletse kwa morago mo go bitseng ditsela maina mme a kopa setshaba ka go tswelela ba tsisa maina kwa khanseleng.
Kwa bofelong mothusa ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molefhi Pilane o ne a re o leboga banni ba Selebi Phikwe go bo ba tshwaragane e bile go sena dikubetsano mo go direng tiro ya go nna jalo a re se se supa mowa wa tirisano mmogo le popagano.
Rre Pilane a re e le khansele ya Selebi Phikwe ba latlhegelwa ke madi a mantsi ka fa ba bayang diboard tsa bone mo ditseleng ka teng a re go motlhofo gore di thulwe ke dikoloi mme se se ba tlama go baya tse disha, a re ba tshwanetse go baya ka tsela e di ka sekang tsa amana gope le dikoloi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Tekodisa ya babega dikgang ka kgatelopele
Date : 26 Apr 2017






