Breaking News

Ba Mosadi-o-ruta-Mosadi ba semeletse

26 Apr 2017

Puso e otlolotse letsogo go namola Batswana mo lehumeng ka mananeo ka go farologana. Bomme ba le bane kwa Molepolole ba semeletse ka kgwebo ya go apaa borotho e ba e bitsang Mosadi-o-ruta-Mosadi ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma.
Mo potsolotsong le ba BOPA bosheng,modulasetilo wa kgwebo eo Mme Mmamoshale Kgotlaetsho, o tlhalositse fa pele ba ne ba ikaegile ka Ipelegeng.
A re ba ne ba lemoga fa Ipelegeng e le tiro ya nakwana e motho a kgonang go nna dikgwedi di le nne a sa hirwe.
“Re ne ra tswa ka mogopolo wa go simolodisa kgwebo ya go apaya borotho morago ga go kokonelwa ke lehuma le le neng le tsere phekelo e sele e bile le re paledisa go tlhokomela malwapa a rona.”
Mme Kgotlaetsho a re e ne ya re ka ngwaga wa 2011 ba kopanya ditlhogo e le bomme ba le masome a matlhano le borataro mme ba dumalana ka mogopolo wa gore mongwe le mongwe a koleke P10 go simolodisa kgwebo maikaelelo e le go intsha mo komelelong e ba neng ba le mo go yone.
A re kgwebo ya bone e ne e solofetsa kwa tshimologong mme morago ya phutlhama ka le jone borotho ba ne ba sa itse go bo apaya.
E re ka boitshoko bo tsala katlego,Mme Kgotlaetsho a re ba ne ba seka ba itsapa mme ba eteletsa maitlamo a bone pele a go inamola mo leubeng le fa ba ne ba latlhegelwa ke bontsi jwa maloko jo bo neng jwa itlhoboga ka pela mme ba sala ba le bane.
“Go ne go se motlhofo,re ne re tlhola nageng mahala go sena se se tsenang mo kgetseng kwa phelelong ya letsatsi mme ra itsetsepela ka toro ya rona ya go atlega.
E ne ya re ka ngwaga wa 2013 ra utlwalela lenaneo la nyeletso lehuma mme ra rwala ditlhako go ya kwa ofising ya ba boipelego.
Ka ba ne ba lemoga tlhwaafalo ya rona, ba ne ba re tlhalosetsa ka botlalo ka lenaneo leo ba bo ba re tlhatlhelela botsipa bongwe jo bo neng jwa re tiisa moko le go feta.”
Mme Kgotlaetsho o ne a tswelela ka go tlhalosa gore ba boipelego ba ne ba ba ema nokeng thata ka go ba kopela dithuso tse di neng tsa atlega kwa ofising ya nyeletso lehuma.  Ba ne ba thusiwa ka go abelwa didirisiwa tse di akaretsang motshine o o apayang o le mongwe o o dubang borotho o le mongwe,o o kgaolang borotho o le mongwe,ditafole tse pedi,le madi a a kana ka P4 000.
Mothusa modulasetilo wa kgwebo eo, Mme Tshegofatso Kemoreile le ene o ne a tlhalosa fa dithuso tseo di ne tsa ba tiisa moko le go feta ka ba ne ba sa tlhole ba tlhaela ka ditsompelo tse dintsi e bile jaanong ba ne ba simolola go itemogela gore e le ruri boitshoko jwa bone bo tsala katlego.
“Kgwebo ya rona e ne ya tokafala thata,ngogola re ne ra nna le tumalano le ba khansele ya Kweneng re ba apeela borotho letsatsi le letsatsi mme re ne ra emisiwa ka mabaka a a sa itsagaleng”, Mme Kemoreile a tlhalosa.
O ne gape a bolela fa ba le mo ditekeletsong tsa go apeela sekole se sebotlana sa Canon ka dikatso tsa P2.50 borotho bo le bongwe mme e bile a kaya fa ba solofeditswe tirisano mmogo ya sennela ruri fa borotho jwa bone bo ka kgatlhegelwa.
Bomme bao ba apaya 12.5kg ya kgetsi ya borotho jo bo rekisiwang P1.50 bo le bongwe le 5kg ya disekonese tse di rekisiwang P2.75 se le sengwe, ba tlhalosa fa ba kgona go apaya le dijo tse di rekisiwang ka tlhwatlhwa ya P10 poleiti e le nngwe.
Tatso ya maemo a ntlha a borotho jwa bomme bao e okile bareki ba le bantsi,go akaretsa babereki ba diofisi ka go farologana, bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba ba kgobokanelang kwa madirelong a bomme bao ka palo e e kwa godimo letsatsi le letsatsi go nwa tee le bafeti ka tsela bangwe ba bone ba tsibosiwang ke monko oo monate wa borotho jo.


Madirelo a a phepa, tatso e le ya maemo a ntlha, babereki ba le mo seemong sa ntlha ba le phepa, e le ruri kgwebo ya bomme bao e ka tlhoka go ba tlodisa dinoka jang. Batho ba ka tlhoka go tlogela baapei ba bangwe go ikanya bomme bao jang.
Mme Kemoreile a re ba itumelela kemo nokeng le thotloetso ya maemo a a kwa godimo e ba e amogelang go tswa mo setshabeng.
O ne a nankola pampiri nngwe ya Treadstone Magazine e beng ba yone ba supileng kgatlhego le maikaelelo a go ba rotloetsa ka go bo ba ba solofeditse go ba bapaletsa borotho jwa bone mo pampiring eo ka tlhwatlhwa e ko tlase.
“Ga re robale re nyeletsa lehuma, botshelo e bile bo botoka thata ka gore kgwebo ya rona e re tsisetsa poelo e e nametsang e bile re kgona go itshetsa le ba malwapa a rona”,Mme Kemoreile a bolela.


Ntswa kgwebo e tsweletse sentle, Mme Kemoreile o supile fa ba kopana le dikgwetlho dingwe tse ba supang di ka se ke di ba thibele go tswelela di akaretsa tuelo ya phiriso madirelo e e ba lopang P700 ka kgwedi le motlakase o o ka lopang P750 ka kgwedi.
O boletse fa kgwetlho e nngwe e ba kopang le yone e le phadisanyo ya barekisi ka bone ba ba anameng le motse a kaya fa ba ba tseela bareki.
A re gape ba ne ba senyegelwa ke mochine o o dubang borotho mme ba tshwanelwa ke go reka o mongwe o o ba lopileng madi a a kana ka P10 300.


Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa kgwebo eo Mme Kgotlaetsho a re ba ikemiseditse go nna ba le podi matseba le go itsetsepela mo kgwebong ya bone gore e gole.
A re ba bereka ka pelo le moono o le mongwe maikaelelo magolo e le go felela e le komponi e tona e e apayang borotho e bile e kgona go tlhamela Batswana ditiro.
O supile fa ba etela ofisi ya LEA nako le nako go tsaya bogakolodi le botsipa jwa go ka atlega mo kgwebong ya bone e bile a kaya fa ba solofeditswe go lalediwa mo dikopanong tsa ipapatso tse ofisi eo e atleng e di tshware. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitseone Tlhware

Location : MOLEPOLOLE

Event : POTSOLOTSO

Date : 26 Apr 2017