Kgosi Masie o akgola banana ba Taung
26 Apr 2017
Kgosi Lebogang Masie wa Taung a re go a itumedisa go bona banana ba kgatlhegela botsogo jwa bana ba bone.
Kgosi Masie o buile se bosheng kwa tshimolodisong ya beke ya mokento wa bana mo kgaolong ya Afrika kwa motseng wa Taung, mo kgaolong ya Borwa Botlhaba bosheng.
Fa a bua le batsadi ba ba neng ba tsisitse bana ba bone mokentong le sekale kwa kgotleng ya motse oo, Kgosi Masie o ne a akgola bana go tla ka dipalo tse di nametsang.
A re go le gantsi banana ba neeletsa batsadi ba bone go ba isetsa bana kwa dikokelong le go tsenelela diphuthego tsa dikole, a re go le gantsi batsadi ga ba kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba.
Kgosi Masie a re batsadi ba bana ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa bana ba bone ka go tla go tsaya mokento le go ba kala, a bo a tlatsa ka gore dikgang tsa botsogo di simolola ngwana a sa ntse a le mo sebopelong sa ga mmaagwe.
A re banana ba tshwanetse go tshwaraganela go lwantsha botlhokatsebe, jo bo amang morafe wa Taung.
O ne a kgothatsa banana gore ba tsenye letsogo mo lenaneong la popagano ya setshaba go lwantsha mogare wa HIV la Community Acting Together to Control HIV.
A re lenaneo le le itebagantse le matshwenyego a morafe a a akaretsang nnotagi, maitseo a a sa amogelesegeng, go lwantsha bolwetse jwa HIV/AIDS le matshwenyego a mangwe a morafe.
Rre Masie o ne tlhalosa fa ba botsogo ba sa ntse ba na le kwetlho ya batho bangwe ba ba sa tseyeng ditirelo tsa botsogo ka ntata ya ditumelo tsa bone.
O ne a kopa ba kokelo ya Taung gore ba tswelele ba le pelotelele mo go thuseng batho ba ba farologanyeng ka ditumelo go ba fa dithuso tse di tshwanetseng.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgotla ya Lesetlhana mo Ramotswa Mme Semakaleng Sebogodi a re letsatsi la mekento le tlhomilwe ke ba lekgotla la mafatshefatshe la botsogo.
Mokhanselara Sebogodi o supile fa puso e le kgatlhanong le go bona bana ba lwala kana ba tlhokafala ka ntlha ya malwetse a a ka thibelwang ka mekento.
O ne a tlhalosa fa puso e dule ka melawana e e sireletsang bana ka ditshwanelo tsa bone go netefatsa fa ba tlamelwa ka tsa botsogo.
Mooki mo kokelong ya Taung mme Ninki Nyamadzabo a re letsatsi le, le simolola ka kgwedi ya Moranang e le 24 go ya kwa go e le 30.
O ne a tlhalosetsa batsadi gore fa ngwana a sena go tsholwa o tshwanetse go tsaya mekento go mo sireletsa mo malwetsing.
Mme Nyamadzabo o supile gore mokento o sireleditse matshelo a bana ba le bantsi, ka gore bana ba ba tsereng mokento ba na le kgonagalo e e kwa tlase ya go ka tsenwa ke malwetse a a ka thibelwang ka mokento. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gogontle Sanka
Location : TAUNG
Event : Tshimolodiso ya beke ya mokento wa bana
Date : 26 Apr 2017






