VDC e gatetse pele
26 Apr 2017
E ne ya re kwa bokopanong jwa bone le morafe kwa kgotleng ya bone ya Matabi mo Mmadinare, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Keolebogile Moseki, a supa fa ba gatetse pele ka go tlhabolola motse wa Mmadinare.
Mme Moseki o ne a tlhalosa fa ba ne ba tshwara ditlhopho ka kgwedi ya Motsheganong e le 24 ka ngwaga wa 2016 mo kgotleng ya Matabi go tlhopha komiti. A re dithopho tse, di ne di le ka fa tlase ga tsamaiso ya ba ofisi ya boipelego.
Modulasetilo a re fa ba simolola go bula ofisi ya bone, ba ne ba fiwa madi a selekanyo sa P9 125 ke ba khansele ya Mmadinare mme ba bula letlotlo la banka go a baya mo teng. Ba ne ba fiwa gape le matlo a boroko a ferabobedi, le sekole sa bana sa Pabalelo Day Care Centre se se dirang P14 500 ka kgwedi go nna mo tlhokomelong ya bone.
Go supa fa komiti e e sa nna meriti e tsididi, e na le maikaelelo a go diragatsa ditumalano le bahirisi ba matlo a bone ka mokwalo le gore matlo otlhe a nne le ditlankana tse di tswang kwa go ba kabo ditsha. O ne a gatelela gore e tlaa re pele ga ngwaga o o ya fifing ba tlaa bo ba bone motlhoki yo o ka nnang mo tlhokomelong ya bone go tshegetsa letshego la Vision 2016 la tshaba e e kutlwelobotlhoko.
E ne ya re phuthego e ntse e tsweletse, mothusa modulasetilo Rre Thapelo Ramokhutshwane a tlatsa ka go bolelela phuthego ka tsotlhe tse ba di kgonneng faesale ba tsena mo komiting. A re ditsha tsa bone tsotlhe tsa matlo a boroko di na le ditlankana. A re morafe wa Mmadinare o filwe mabitla a masha ke ba kabo ditsha, a le one a setseng a diretswe setlankana.
Mo pegong ya go apeela babereki ba ipelegeng, Rre Ramokhutshwane o ne a rotloetsa morafe go tla go ikwadisa fa ofising ya bone gore ba kgone go tsenngwa mo lenaneong le, mme ba tokafatse matshelo a bone. A re dithulaganyo di fetogile, ka jalo ba thapa baapei ba ipelegeng ba le bane mo dikgweding tse tharo.
Modulasetilo o ne a wetsa phuthego ka gore, ka e le dinako tsa go ya masimong, ba tshwenngwa thata ke babereki ba ipelegeng ba ba thapiwang mme e re ba tshwanetse go bereka ba seke ba iponatse ka ba diiwa ke ditiro tsa masimo tsa go tlhola dijwalo. A re se ke go senya ditlamelo tsa ga goromete, ka bangwe ba felela ba duelelwa tiro e ba sa e dirang.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Botshelo Nokaneng
Location : MMADINARE
Event : Phuthego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse
Date : 26 Apr 2017






