Dikoko tsa mae di inola Rantsudu mo Lehumeng
26 Apr 2017
Bontsi jwa Batswana ba setse ba galaletsa mananeo a puso jaaka la Nyeletso Lehuma ka a kgonne go ba inola mo lehumeng la nta e tshetlha.
Mo potsolotsong le mongwe wa Batswana ba ba setseng ba akotse lenaneo leo, Mme Nkgabiseng Rantsudu o tlhalositse fa jaanong botshelo jwa gagwe bo tokafetse ka a na le dikoko tsa mae tse a tlhalosang fa di mo direla madi.
Mme Rantsudu yo o tlholegang kwa Lentswe le Moriti, o kaile gore e rile ngogola puso ya mo thusa ka dikoko tsa mae di le masome matlhano, hoko ga mmogo le dijo ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma.
A re le fa seemo sa loapi se sa iketla ga se kgoreletse dikoko tsa gagwe ka gope, a tlatsa ka go re kgwetlho kgolo mo kgwebong ya gagwe e e bakang gore mae a fokotsege ka palo ke mogote o o feteletseng.
Mme Rantsudu yo o dingwaga tse di masome mararo le botlhano a re kgwebo ya mae e bogadi bo gaufi, ka jalo a supa fa dipoelo tse a di bonang di nametsa.
O tlhalositse fa mo nakong ya gompieno a se na mmaraka o e leng boremelelo jwa kgwebo ya gagwe, ka jalo mae ao a rekwa ke batho ka bongwe ka bongwe, segolo bogolo ba ba tswang mo metseng ya Bobirwa jaaka Lentswe le Moriti, Motlhabaneng le Bobonong
A re o tlhokomela dikoko tsa gagwe ka go di fa dijo le metsi ka nako gore mae a atlege.
“Ke di fa metsi a mantsi go leka go di timola mo mogoteng o o feteletseng,” ga bua Mme Rantsudu.
Mme Rantsudu o tlhalositse fa a leboga puso ka lenaneo le a le amogetseng a re puso e kgathala ka matshelo a batho.
A re maikaelo magolo mo isagong ke go godisa kgwebo ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : LENTSWE LE MORITI
Event : POTSOLOTSO
Date : 26 Apr 2017






