Breaking News

Borukutlhi kwa motseng wa Gojwane bo a gola

26 Apr 2017

 Kgosi wa Gojwane mo kgaolong ya Serowe Bokone Kgosi Oagile Ketlhaetse o supile fa borukhutlhi mo motseng wa gagwe bo golela pele mo go ngomolang pelo.
Kgosi Ketlhaetse o sedimositse seo fa a amogela mopalamente wa Serowe Bokone e bile e le mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autwetse kwa motseng wa Gojwane mo bogaufing.
Kgosi Ketlhaetse a re borukhutlhi bo diragala kwa matlong a barutabana ka nako ya dikole di tswetswe ka nako ya ba ile magaeng. Kgosi Ketlhaetse a re ga go letsatsi le le fetang go sena dipego tsa go thujwa ga matlo mme batho ba go nna jalo ga ba ke ba tshwarwa ba lebisiwa melato.
E ntse e le mo phuthegong ya kgotla, modula setilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Mogogi Khumo o supile fa go tlhaela ga metsi mo motseng go sa tlhokafale, bogolo jang kwa ditsheng tse disha mme a kopa mopalamente go bua le ba lephata la metsi go tokafatsa seemo.
E rile a tswa la gagwe, Mopalamente Autlwetse a supa fa puso e tshwentswe ke bolwetse jwa mabele jo bo anameng le leruo.
Rre Autlwetse a re bolwetse jwa mabele bo bakwa ke leswe la setho mme a rotloetsa morafe go aga matlo a boitiketso kwa masimo le kwa merakeng, a re se ke sone fela se se ka femang gore leruo le iphitlhele le tsenwe ke bolwetse joo.
Rre Autlwetse a re bolwetse jwa mabele bo dira gore barui ba seka ba bona maduo a a tsepameng ka le abo le sa ba busetsa dikatso tsa sepe.
Rre Autlwetse a re Botswana o ikaegile ka thekiso ya nama kwa mafatsheng a Yuropa, a tlhalosa gore fa seemo se ka seka sa baakanngwa itsholelo ya lefatshe e ka phutlhama.
Rre Autlwetse o rotloeditse ba ba santseng ba dirisa mokgwa wa bogologolo wa go ya sekgweng gore fa ba fetsa go ithusa ba katele go itsa gore leruo le kopane le leswe la go nna jalo.
Rre Autwetse a re bolwetse jwa mabele bo tsere phekelo e sele mo o fitlhelang dikgomo di le lesome mo lekgolong tse di tlhajwang kwa matlhabelo di na le bolwetse.
E ntse e le tse di amang leruo, Rre Autlwetse o tlhalositse fa theko ya dihutshane tsa nyeletso lehuma e okeditswe, a re podi e namagadi e ntse e rekwa P700 mme e tlaa rekwa ka P1 000 fa phoko e tlaa rekwa ka P2000 go tswa mo go P1500.
Kwa bofelong mogolwane go tswa kwa khamphaning ya metsi kwa Selebi Phikwe, Rre Bampoetse Kaphepa o tlhalositse fa puso e rebotse P1.5 billion go dirisiwa mo go ageng mealo ya metse e e bidiwang Serule Cluster.
Rre Kaphepa a re le fa tiro eo e tlaa tsaya dingwaganyana go dirwa, mme gone e tlaa felela e arabile selelo sa letlhoko la metsi mo metseng e e amegang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 Apr 2017