Bagwebi ba babotlana ba tlatsa Palapye leswe
18 Jun 2013
Dimausu tsa bagwebi ba babotlana tse di fa maemelong a dipalamo tsa setshaba le mekhukhu e e fa thoko ga ditsela kwa Palapye, di leswafatsa motse.
Mafoko a a builwe ke molaodi wa Palapye, Mme Veronica Rabakane, mo phuthegong ya bagwebi ba babotlana, e e neng e biditswe ke khansele potlana ya Palapye bosheng.
Mme Rabakane a re motse wa Palapye o mo marakanelong a ditsela, ka jalo go feta batho ba le bantsi, ba ba akaretsang bajanala.
O tlhalositse fa ditlhabololo di akaretsa tsa Morupule B le sekole sa mmadikolo sa BIUST, e le dingwe tse di supang fa motse wa Palapye o gola, a re le boitshwaro jwa bagwebi bo tshwanetse go fetoga.
O rotloeditse bagwedi go phefatsa fa ba theogela le pele ba ya malwapeng, go fokotsa leswe leo. Mothusa mokwaledi mogolo wa khansele ya Palapye, Rre Golotswang Ramogala, a re puso ga e ise e kgone go direla bagwebi fa ba ka gwebelang teng, e bile e itse gore ba leka go itshetsa ka dikgwebo, ka jalo a ba gakolola gore a dikgwebo tsa bone di se ka tsa leswafatsa mme di ntlafatse tikologo.
A re mekhukhu ya bone ga e a tshwanela go nna ya sennela ruri gore e re fa ba golola, ba e tseye le dithoto tse ba di rekisang. Rre Ramogala a re seemo se ga se a siamela botsogo ka gore bangwe ba rekisetsa go bapa le matlo a boithomelo mme metsi a a leswe a tshololelwa gongwe le gongwe.
Baagi bangwe ba motse oo ba ntshitse mogopolo wa gore puso e kobe bagwebi bao ka ba palelwa ke go pepafatsa. Bagwebi bangwe ba ne ba amogela gore dikgwebo tsa bone di tlatsa leswe mme ba kopa go fiwa sebaka sa go ipaakanya.
Ba ne ba solofetsa fa ba tlaa fetola seemo morago ga dibeke tse tharo. Ba tlhaloseditswe gore molato wa go leswefatsa tikologo o ka lefelwa dikete tse pedi go ya kwa go tse nne kana dingwaga tse pedi mo kgolegolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshepo Kedikilwe
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya bagwebi
Date : 18 Jun 2013






