Lekgotla la babereki le tlhopha komiti e ntsha
25 Apr 2017
Lekgotla la babereki la Manual Workers (komiti ya kgaolo ya Kanye) le tlhophile komiti e e tlaa le tsamaisang lebaka la dingwaga tse tharo.
Modulasetilo wa komiti e ntsha ke Rre Nicolas Sekwenyane a thusiwa ke Rre Abel Morupisi fa mokwaledi e le Rre Odireleng Kgaogano a thusiwa ke Mme Kebatshabile Kgosimore.
Motshola madi ke Mme Naledi Modise.
Go tlhophilwe le maloko a a tlatsang komiti a le matlhano.
Ditlhopho di ne di tshwaretswe kwa dikagong tsa khansele tsa Marapalalo beke e e fetileng mme di tsamaisiwa ke Rre Manyoloi Tselaesele le Rre Bahenyi Ntswakae ba e leng maloko a komiti kgolo ya lekgotla.
E rile a bua morago ga ditlhopho, modulasetilo yo o sa tswang go tlhophiwa, Rre Sekwenyane a kgothatsa komiti go ema ka dinao go berekela lekgotla ka botswapelo, a gatelela gore maikaelelo magolo a komiti ke go berekela lekgotla e seng go bua ka mananeo a tsa phitlho fela.
Rre Sekwenyane o kopile maloko a lekgotla le go tlotlana le go tlotla tiro ya bone, a re ba ikgaphe mo ditirong tse di ka ba senyetsang bokamoso jaaka go nwa bojalwa mo tirong, go amega mo ditirong tsa tshenyetso setshaba le go gana taelo ya bagolwane.
Fa a itebaganya le komiti e e sa tswang go tlhophiwa, Rre Sekwenyane o ne a ba kopa go tlotla diphuthego tsa lekgotla le gore fa motho a sa kgona go tla phuthegong a tsenye maitoko.
Fa a tswa la gagwe, Rre Tselaesele o ne a kopa ba ba fentsweng mo ditlhophong tseo go ema nokeng komiti, a re go bo ba sa tlhophiwa ga se ka mokgwa ope ke fela gore ba ne ba ka seke ba tsene botlhe mo komiting.
E ne e rile go le pele Rre Ntswakae a kgothatsa ba ba tlaa neelwang boikarabelo go itse fa e se baetapele mme e le barongwa fela.
A re go botlhokwa gore komiti le maloko ba tshwaragane go direla lekgotla.
Rre Ntswakae o kopile komiti go nna le polokelo, a ba a kopa babereki ba lekgotla ka kakaretso go dirisa madi sentle, go tila go sala ka madi a mannye thata mo dituelong tsa bone a a sa lekanang gore ba itshetse ka jaana selo se se sa siamela matshelo a bone e bile se sa itumedise puso.
Le ene o kopile babereki ba lekgotla la Manual Workers go tlhokomela didirisiwa tsa puso le go tila tshenyetso setshaba ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Ditlhopho
Date : 25 Apr 2017






