Breaking News

BOPEU e isa ditirelo kwa malokong

25 Apr 2017

Lekgotla la babereki la BOPEU le tsweletse ka go etela le go lekodisana le maloko a lone, maikaelelo e le go isa lekgotla kwa malokong le go itse botsogo jwa one.
E rile a bua mo tshimolodisong ya lekalana le lesha la Hello Motor mo kgaolong-potlana ya Palapye ka Matlhatso, moeteledipele wa lekgotla leo, Mme Masego Mogwera a supa fa go lebanye gore ba tsibogele go ikopanya le maloko ka dinako tsotlhe go tshwaraganela le bone dikgwetlho tse di teng mo lekgotleng.


O ne a supa fa lekgotla la BOPEU e le lone la ntlha go neelwa teseletso ya go tsamaisa lekalana la tshireletso dithoto le tshwaragane le ba Botswana Life Company, mme a gakolola maloko ka go tlhalosa nngwe ya ditemana mo thamageng e e reng ‘fa molebeledi wa lefatshe a bona tse di ka senyang lefatshe mme a bo a sa tlhagise batho ba a ba eteletseng, madi a bone a tlaa batlwa mo diatleng tsa  tsa gagwe’.
O ne a tlhalosa ka botlalo ka fa lekalana leo le yang go dira ka teng le gore le ya go fa maloko sebaka ka go kgaola mogokaganyi fa gare ga bone le ba ba tshwaraganeng le bone, seo se bo se fokoletsa maloko ditshenyegelo, mme a rotloetsa maloko go tsena ka mowa o le mongwe mo lekalaneng  gore ba akole maduo a lone.
O ne a nankola gore lekalana leo la Hello Motor Insurance le itebagantse le dikoloi, matlo le dithoto tse e leng tsone konokono mo matshelong a batho mme go le thata go di emisetsa ka dinako tsa dibetso tsa tlholego kana seru sepe fela se se ka welang  sika loo motho.
A re morago ga go lemoga fa bontsi jwa maloko ba ne ba kgona go reka dikoloi tsa Japane, le go aga matlo ka madi a dikadimo ba ne ba tla ka mogopolo wa gore di nne mo tshireletsong.
O ne a tlhalosa fa ba dirile gotlhe mo ba ka go kgonang ka go itshwaraganya le ba ba tlhokegang jaaka ba ba dirang ditshekatsheko tsa matlo, dikoloi le dithoto gore ba direle maloko jalo pele ga ba tsena mo ditumalanong.
Mme Mogwera a re dituelo ga se tse di ka ntshang mokola, mme a gatelela gore seo ga se ree gore maloko a nne botlhaswa mo go somareleng di-tsa bone.
A re fa go ka ftlhelwa leloko le nnile botlhaswa ka tsela epe fela ga le na go  thusiwa.
Mokwaledi mogolo wa lekgotla, Rre Topius Marenga o ne a tlhalosetsa maloko ka botlalo ka se se diregang ka kokeletso dituelo le gore dikgang di tsamaya jang fa gare ga mhiri le BOFEPUSU.
A re mathata a a tlhakatlhakanyang dikgang ke bone ba BOFEPUSU ka ga ba na kemedi e e ka fa molaong kwa lekgotleng la dipuisano tsa dituelo.


Rre Marenga a re seo ke sone se se tsisang ketsaetsego le dikgang tse maloko a di utlwang.
O ne a kopa maloko go wela dibete ka go se na ape matshosetsi a gore ga ba kake ba bona dikokeletso, le gone gore 3% wa ngogola ga a na a kgaolwa jaaka medumo e tsogile le ene 4% ba tlaa mmona, mme seo se sa emise dipuisano le puso.
O ne a kopa maloko go tshepha boeteledipele jwa bone ka e le bone ba ba romileng go tswa matlho, ditsebe, melomo le maoto a bone mo go tsotlhe tse di ba amang tsa pereko.


Rre Marenga a re maloko a tswe mo sepolotiking, segolo jang fa ba batla go itebaganya le mhiri ka ditshwanelo tsa bone a re seo se ka kgaoganya sa bo sa thuba lekgotla.
A re ke tshwanelo ya lekgotla lengwe le lengwe go akola therisanyo e e kopanetsweng ka mowa wa kutlwisisano le lorato.
Mo mafokong a kamogelo, modulasetilo wa kgaolo ya Legare, Rre Bicky Mokela o ne a ikuela mo malokong go tswa mo go utlweng dikgang ka ditsela di sele jaaka tsa maranyane a segompieno le gone go di akgela, a re seo ga se kake sa isa lekgotla gope ka motho o a bo a itseetse dikgang fela.


A re tsamaiso ke gore fa leloko le na le ngongorego kgotsa kakgelo, le kwalele boeteldipele go sekaseka dikgang tsa gagwe.
A re thulaganyo e teng ya go buisana ba latela tsamaiso ya ka fa lekgotla le bopilweng ka teng.
A re ga gona ka fa boeteledipele bo ka rekisang lekgotla ka teng ka bo emetse dikeletso tsa maloko.
Morago maloko a ne a anama le matlo a a farologanyeng go tlhaloganya ka se lekgotla le se dirang jaaka go na gape ba Babereki ka Lerato Funeral Services ba bone ba itebagantse le tsa diphitlho, seo se reya gore jaanong maloko a ka tswa mo tsamaisong e e ntseng e le teng ya tsa diphitlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Tshimolodiso ya lekalana le lesha

Date : 25 Apr 2017