Breaking News

Dibelang bana mo ditseleng tse di makgaphila

25 Apr 2017

Mogolwane mo lephateng la thuto mo Kweneng, Rre Mokwadi Tese o tlhalositse fa malatsi a boitapoloso e le nako e lephata leo le fang bana ba dikole sebaka sa go lapolosa ditlhaloganyo ka go akola tikologo e e farologanyeng le ya sekole.
Le fa go ntse jalo, Rre Tese o tlhalositse mo potsolotsong fa sebe sa phiri e le gore dipatlisiso di supile fa botlhokatsebe mo baneng ba sekole bo le bontsi ka one malatsi a.
A re gantsi fa dikole di bulwa bana ba sekole ga ba boele sekoleng ka mabaka a a akaretsang boimana kgotsa e le fela ka go tlhoka tsebe mo gantsi go bonwang mo go ba basimane.
Rre Tese o tlhalositse fa lephata la thuto le tshwentswe thata ke diemo tse.


Le fa go ntse jalo, Rre Tese a re go tila diemo tse, lephata le rotloetsa batsadi go akaretsa bana mo ditirong tsa kwa gae, segolo bogolo tse di ba rutang tsamaiso ya Setswana le ngwao.
A re mo seemong sa bana ba ba tshelelang mo ditoropong, lephata le rotloetsa batsadi go tsaya boikarabelo jwa go baya bana leitlho gore ba tsamaela kae le mohuta wa ditsala o ba tsamayang le one.
Rre Tese a re le fa malatsi a e le a boitapoloso, batsadi ba ka dirisa sebaka se go lekola tiro ya bana ya sekole mme ba sekaseke fa ba nang le bothata teng.


A re fa go tlhokafalang teng batsadi ba ka rulaganya le barutabana ba a supileng fa bone ba le teng mo dikoleng gore ba kopanele tiro ya bana le bone.
Rre Tese a re le fa go ntse jalo, malatsi a boitapoloso ga se sebaka sa go dirisa bana ditiro tse di bokete, a tlatsa ka go re bana ba tshwanetse go fiwa sebaka sa go tshameka.
O boletse fa go le botlhokwa gore bana ba itumelele malatsi a gore ba boele sekoleng ka ditlhaloganyo tse di lapologileng, selo se a reng se ba thusa go amogela thuto sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : potsolotso

Date : 25 Apr 2017