Dipaakanyo tsa go rutuntsha setshaba di tsweletse
25 Apr 2017
E tlaa re Motsheganong a tlhola malatsi a le masome mabedi banni ba Masunga le dikgaolo tse di mabapi mo Bokone Botlhaba ba ipelele letsatsi la mafatshefatshe la ditlhaeletsanyo le dikitso.
Go itlhokoletsa letsatsi le, maphata a a farologanyeng le ba-na leseabe ba tsweletse ka go tsenya letsogo mo go tlhatlheleleng morafe le bana ba dikole ka tiriso ya dikhomputara.
Fa a rola se a se tletseng ba ba tseneng dithuto tse, Rre Golelwang Mosiila go tswa kwa Botho University e bile e le motlhatlhelela dithuto tsa dikhomputara, o tlhalositse fa go le botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a bo a itse jaaka maranyane le khomputara di bereka ka se se ka tlhofofatsa botshelo le gone go boloka nako.
A re ntswa dikhomputara di tsisa tse di ntle le tse di botlhoko, go molemo go itse go di dirisa ka jaana botshelo jwa segompieno bo ikaegile ka mafaratlhatlha.
O kaile ka dituelo tse di dirwang ka megala ya letheka, go reka dilwana le go itlosa bodutu go sa tlhole go tlhokega le go pagama mo go tshamekisang le one madi tota.
Fa a latlhela la gagwe, Rre Segolame Motlhagodi, yo e bileng e le ene a eteletseng pele komiti e e rutang ka tiriso ya dikhomputara, o tlhalositse fa bokopano jo e le go tlhatlhelela ba ba tseneng phuthego ka mosola wa go dirisa dikhomputara.
O ne a tlhalosa fa maikaelelo a ithutuntso e le go ruta ba ba tseneng phuthego go dirisa dikhomputara le go tsaya thuto e go e fetisetsa ko ba berekelang teng.
“Thuto e ga e felele fa.
Re a kopa re le boeteledipele gore le lona ba le sa tswang go sela sengwe fa le se fetisetsa mo go ba bangwe, ka gore maikaelelo a rona ke go bona banni ba Masunga le metse e e mabapi ba sa sokole fa go tla mo go tsa ditlhaeletsanyo,” a tlhalosa.
Mme Segolame Motlhagodi o ne a kopa ba ba tseneng phuthego go rotloetsa morafe ka kakaretso go tsenelela dithuto tsa dikhomputara tse di tsenelang kwa metlobong ya dibuka.
Rre Galegake Blackie yo e leng mongwe wa ba ba neng ba le mo ithutuntshong, o iteetse legofi dithuto tse, a bolela fa le ene di tlaa mo thusa go atolosa kitso ya gagwe mo go tsa dikhomputara.
O iteetse kobo moroko ka go gakolola Batswana ka kakaretso gore ba seka ba nna ditlhong, ba inaakanye le lenaneo la Sesigo gore le bone ba tswe kwa morago.
Ithutuntsho e e tlaa tsaya malatsi a le lesome mme e tshwaretswe kwa sekoleng se segolo sa Masunga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ditiro Kebapetse
Location : MASUNGA
Event : letsatsi la mafatshefatshe la ditlhaeletsanyo le dikitso.
Date : 25 Apr 2017






