Breaking News

Kesupile o gwetlha batsadi go emela thuto ya bana ka dinao

25 Apr 2017


Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile o kopile morafe oora Sebego go emela thuto ya bana ka dinao.
A re thutuntsho mo baneng ka ditsela tsotlhe e ka tsisa maduo.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla bosheng fa a araba dilelo tsa banni ba kgaolo eo, a tlhalosa fa motsadi a lela a itshutlha dikeledi.


A re go bo banni ba lela ka bana ba ba rutwang ke baithaopi ba Tirelo Setshaba ntswa ba sa rutelwa go ruta, ke lebaka la gore batsadi ba boitseme go ya go tlhola bana kwa sekoleng, ba lekola le tirisano magareng ga baithuti le barutabana.
O tlhalositse fa Tirelo Setshaba e thusa barutabana mme go sa ree gore beke e ka wela morutabana a se yo a tlogetse bana le mmereki wa Tirelo Setshaba.
A re morutabana ke ene a nang le kitso e e tsepameng go ka rarabolola mathata ape a a amanang le dithuto tsa ngwana, ka jalo ga a a tshwanela go tlogela moithuti nako e telele.
O ne a kopa batsadi gore ba ikopanye le baithuti le barutabana ka e le one modi wa go tlhabolola thuto.
O ne a re mo nakong e e fetileng o ne a itemogela fa baithuti bangwe ba sa goroge kwa sekoleng mme ba iphe tiro maitseboa mangwe le mangwe ekete ba ne ba ile sekoleng e le go baya batsadi bobi matlhong, kwa phelelong motsadi a felele a iphotlhere a sa anywa sepe mo ngwaneng.


Rre Kesupile a re sekole se tshwana le se sebotlana sa Lefhoko se ka nowa moro ka se kile sa bo se di goga kwa mogatleng mme malatsi a se di goga kwa pele mo borwa jwa lefatshe ka kakaretso.
A re jaaka a bua ka tirisano ya batsadi le barutabana, sekole sa Lefhoko se ne sa nna le bokopano joo, ba kampa, batsadi, baithuti le barutabana ga rutuntshiwa baithuti, ba eta ba kwala ditlhatlhobo, ba tloga ba nna   mogatla wa potsane, ba gagaila tlhatlhobo nngwe le nngwe e e fetang mo matlhong a bone.  


A re e re ntswa botlhale jwa phala bo tswa phalaneng, batsadi fela jaaka barutabana, ba tshwanetse ba itse fa le bone e le pinagare mo thutong ya bana.
Fa a latlhela la gagwe, mogolwane wa thuto ga-e- golelwe mo Kanye, Mme Kgomotso Rankuna o ne a supa fa baithuti ba kgonwa ke go tshwaraganelwa ke setshaba ka kakaretso, a tlhalosa fa thuto e tswa ntlheng tsotlhe.
O tlhalositse fa a tlaa bua le ba ba maleba go latedisa kgang ya ma-Tirelo Setshaba a a rwesiwang mokgweleo, a re lephata la thuto le tlaa amogana dikgakololo le barutabana, mme fa tema e sa tswe ba e isa kwa pele go ka sekasekwa gore go bonwe tharabololo.
O weditse ka go kopa batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kabelo Baalafeng

Location : KANYE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 25 Apr 2017