Breaking News

Tlhomelang o kopa bagodi go itlhatlhobela malwetse

18 Jun 2013

Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Leach Tlhomelang, o rotloeditse bagodi ba Kgomokasitwa go itlhatlhobela malwetse a a borai jaaka sukiri, kankere le madi a matona a a sa tseweng tsia le mororo a feditse batho.

Rre Tlhomelang, yo o neng a patilwe ke bodiredi jwa khansele ya Moshupa, o ne a tshwere puthego ya kgotla kwa Kgomokasitwa mo bosheng. O boletse fa batho ba itebagantse fela le go lwantsha mogare wa HIV, mme ba itlhokomolositse malwetse a mangwe.

O boletse fa puso e bone fa malwetse a mofuta oo a tshabelela bagodi mme ba tshwanetse gore nako le nako ba ye kwa dikokelwaneng go itlhatlhobela malwetse ao le fa ba sa lwale. Rre Tlhomelang o ba gakolotse go itlhokomela thata le go ja dijo tse di nonotshang mmele.

O ne a ngongorega gape gore borre ba rata go loba bolwetse jwa kankere ya setlha jo a boletseng fa bo le borai thata.

Modulasetilo wa khansele ya Borwa o ne a abela bagodi ba Kgomokasitwa dikobo di le masome mararo go ikokega mo marigeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jun 2013