Mapodisi a mo letsomong la mosadi
24 Apr 2017
Mapodisi a Gumare a mo letsomong la mme mongwe yo o dingwaga tse di masome mararo wa kgotla ya Legonono gone kwa Gumare.
Mme yo go bolelwa a timetse kgwedi eno e le malatsi a le lesome le botlhano mo maitseboeng.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Superintendent Peter Gochela wa District Number 5 a re go ya ka pego e ba e filweng ke batho ba ba neng ba na le mme yoo, ba tlhalositse gore ba ne ba kgweetsa go tswa Gumare ba ya Xhauxhau mme erile go emisa koloi ba tlhapologa mme yo a photsha ka mabelo a ipha naga, ba sa itse gore matsapa di a tsaya kae.
Maiteko a bone go mo sala morago a ne a tswa ka lefela .
Superintendent Gochela o tlhalositse gore ba tsweletse ka letsholo la go batla mme yoo e bile ope yo o kabong a na le thuso o ka itshwaragana le mapodisi a a gauhi le ene kana a leletsa mapodisi a Gumare mo nomorong ya 687 4101 kgotsa 999. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : Gumare
Event : potsolotso
Date : 24 Apr 2017






