Kgosi o gwetlha borre go nna sekao
24 Apr 2017
Borre ba dikereke ba kgothaditswe go nna sekao go thusa go lwantsha mathata a a apereng kgaolo ya Ngamiland mo go tsa borukutlhi.
Fa a amogela borre ba kereke ya UCCSA mo bokopanong jwa bone jwa borre go tswa ntlheng tsotlhe tsa Botswana le mafelo mangwe a a mabapi mo Maun, motshwarelela bogosi ja Batawana Kgosi Kealetile Moremi o ne a re lentswe la borre le ka tsisa phetogo e kgolo.
Kgosi Moremi o buile seo a supa fa kgaolo ya Ngamiland le lefatshe ka karetso e aparwe ke mathata a tshwanang dipolaano tsa baratani, dikotsi tsa tsela, go iphitisa nnotagi le ditlhalano.
O tshwaetse fa dikgwetlho tse go le gantsi di tshabelela batho ba borre ka ke bone ba tshabelelwang thata ke kgwetlho ya go laola maikutlo.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Moremi o ne a re borre ba kereke ba ka gakolola banana le ba bangwe ba ba amegang mo dikgwetlhong tsa go nna jalo.
“Baebele ya re tumelo e senang ditiro ke moka e suleng,” o ne a rialo, a tlatsa fa Baebele e supa fa Modimo a kgethile borre go ka busa gongwe le gongwe, ke ditlhogo kwa malwapeng, le baeteledipele mo dikerekeng le mo metseng, ka jalo ba ka kgona go lwantsha diemo tsotlhe.
Moemela ramapodisi wa Maun rre Chenamo Orateng le ene o ne a kopa borre ba kereke go thusa go lwantsha kgokgontsho ya bong.
Rre Orateng o ne a tlhalosa fa dipalopalo di supa fa borre ba di goga ko pele mo go kgokgontsheng bakapelo kgotsa basadi ba bone mo go tsa tlhakanelo dikobo, dititeo le go dirisa botlhaswa bana ba dingwaga tse di ko tlase.
O ne a gatelela fa dikgwetlho tse dingwe tsa borukutlhi e se tsa senama fela mme e le tsa semoya, ka jalo a re go botlhokwa gore kereke e thuse ba sepodisi go lwantsha borukutlhi ka thapelo.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa kgaolo ya bojanala ya UCCSA Rre Kesiametswe Gabaaake o ne a re moono mogolo wa bokopano joo ke gore borre ba ithune dinta, ba ipatlisise ka se e leng seabe sa bone se ba se bileditsweng ke Modimo jaaka dithogo tsa malwapa eseng bakgokgontshi.
Rre Gabaake o ne a supa fa phuthego eo e tsenwe ke borre ba ka nna masome a marataro go tsweng ntlheng tsotlhe tsa Botswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : bokopano ba borre
Date : 24 Apr 2017






