Breaking News

Dipula di dira go swela

24 Apr 2017

Lefatshe ka bophara le dikile le nelwe ke dipula tse di nametsang, bogolo jang tse di tshologileng ka nako ya  ga Dineo.
Dipula tse di tlogetse bontsi jwa balemi-barui ba phophoma ka boitumelo, tsholofelo e le gore ba tlaa dika ba bone thobo le go ata ga leruo.
Polelo e, ya bo e sa gatele gongwe le ya balemi bangwe mo kgaolong ya ga Ngwaketse Bophirima, ba bone ba setseng ba itshwere melomo e se botlhoko tebang le ditlamorago tsa dipula tse di namagadi tse bontsi bo neng bo solofetse tse dintle mo go tsone.
Mme Tshwanelo Gopadile wa masimo a Machana ke mongwe wa ba monongwaga ba tlaa dikang ba dule ka nyobana e sa fotlhwa.
O tlhalositse mo potsolosong le BOPA fa dipula tsa go nna jalo di ba baketse matlhotlhapelo a tshwana le a go huba le go swa ga dijalo tse di akaretsang losika loo thotse.
A re e re ka jaana kgaolo ya bone e na le mmu wa motlhabana, o o siametseng dijalo mme e bile o kgona go tshegetsa metsi ka lobaka le fa e le ka dinako tsa komelelo, pula ya Dineo e ne ya tlogela metsi a mantsi a a neng a sa kgone go laolesega, ka jalo a babalela dijalo.
A re o itemogetse fa gape bontsi jwa metsi ao bo gopile menontshane mo mmung wa masimo, ka jalo seo se bakile gore dijalo di hube.
Mme Gopadile o tlhalositse gape fa dipula tse di gosomane ka nako ya fa dijalo di ne di fatlhoga, nako e e neng e le maleba gore ba tlhagole mhero, selo se a tlhalositseng fa bontsi jwa balemi ba sa se kgona ka jaana dipula di ne di na ka go tlhomagana ga malatsi, ka jalo di ne di sa ba fe sebaka sa go bereka masimo.
A re e re le ntswa a ne a tlaa oba letsogo ka fa dinaweng, bohutsana jaanong ke diji.
“Dipula tse di namagadi tse di atisitse lotsalo lwa ditshidi ka go farologana. Ke apesitswe kobo ka letshoba ke losika loo kgaka, phuti, dipepe ga mmogo le bomatlolane tse jaanong di iponetseng kanana mo tshimong ya me.’’
“Go di leta ga me motshegare e ne e le mowa fela ka jaana bontsi di baka tshenyo ya go nna jalo bosigo,” ga tlhalosa Mme Gopadile.
“Botshelo jwa me go tswa goo lowe, bo ikaegile thata ka temo-thuo, ka jalo ke tlhaloganya sentle gore go mo maruding a me go lwa le go bereka  ka natla gore ke somarele thobo.
Tshimo ke teemane ya me, ke gweba ka yone, jalo he, le fa ke tlelwa ke diteko, ke tlamega go tswa ka methale ya go e babalela.”
Rre Oduetse Sethibenyane yo le ene e leng molemi mme gape e le morui wa kgaolo eo, o ne a seka a farologana ka gope le Mme Gopadile, mme a tlatsa ka go re ene o solofela gore o tlaa dika a diretse leruo dijo ka ditswatemong.
O kgothaditse balemi-barui gore ba seka ba kgobega marapo, a re ba tlhaloganye fa se e ne e le seemo sa nakwana, ka jalo ba ipaakanye ka mashetla letsema le le tlang gore a bone maduo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshegofatso Mongwaketse

Location : MACHANA

Event : potsolotso

Date : 24 Apr 2017