Mokhanselara wa pele o tlhophilwe Kgosi
24 Apr 2017
Mokhanserala wa pele wa Ngarange/Mogotho o tlhophilwe kgosi wa Ngarange wa bobedi morago ga gore Kgosi wa ntlha, Rre Tshosa Tsheko a tlogele setilo seo ngwaga ono o simolola ka bogodi.
Rre Moheto Nyumba, yo o latlhegetsweng mo ditlhophong tsa bokhanserala tse di fetileng, o tlhophilwe go nna kgosi ka Laboraro.
Rre Nyumba a re o nnile le phadisano e e mashetla le ba a neng a eme le bone mo ditlhophong tseo, a kaya fa a kgonne fela ka gore o nnile le ipapatso e e siameng gape a na le boitseanape mo ipapatsong ga mmogo le gore batho ba motse oo ba dumela mo go ene.
A re o ikaelela go direla motse wa ga gabo ka botswapelo le boamaaruri ga mmogo le go dirisanya le merafe yotlhe e e mo motseng oo, a supa fa motse oo jaanong o setse o kgaoganye ka makgamu, ka jalo a re o ya go leka go o kopanya mme a supa fa e se tiro e e motlhofo.
“Ke tsile go bereka le botlhe go isa motse wa rona kwa pele e bile ke ikemiseditse go dira le ba ditlhabololo tsa motse,” ga bua Rre Nyumba.
Rre Nyumba o lebogetse go bo a neetswe boikarabelo jo bogolo go tsotlhe tse a ka di gopolang, ka jalo a itlama go sireletsa batho ba a ba eteletseng pele ka metlha yotlhe, selo se a supileng se le gaufi le pelo ya gagwe.
Ka e le monana, Rre Nyumba a re o tlaa dira ka gotlhe go ikamanya le bagolo mo motseng ka merero ya motse, se e le maiteko a go tlhabolola motse.
Rre Nyumba a re o tlaa dirisana le badirelapuso ba ba mo motseng go netefatsa gore ditlhabololo di goroga mo bathong ba motse.
Ditlhopho tse di ne di emetswe ke bontlhopheng ba supa; borre Moheto Nyumaba yo o bonyeng batlhophi ba le 156, Moronga Tanago 119, Kenosi Xuma 74, Kabelo James 71, Rufiso Senyemba 35, Jese Segole 11 le Ndanda Bojosi 7.
Fa a ntsha la gagwe, moruti wa kereke ya Delta Cross Ministries, Rre Joseph Mbinga a re bogosi fela jaaka mo Baebeleng bo tswa Modimong, ka jalo Rre Nyumba o kgethilwe ke Modimo gore a etelele motse oo, selo se a supileng gore o tshwanetse go se ela tlhoko.
Moruti Mbinga o supile fa Rre Nyumba a tshwanetse go itse tsela ya Modimo gore Modimo a kgone go mo kaela mo tirong yotlhe ya gagwe ga mmogo le gore Modimo a mo sireletse.
A re go etelela morafe pele ke tiro e kgolo e e tlhokang gore motho a nne le boikarabelo le botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : Ngarange
Event : ditlhopho tsa bogosi
Date : 24 Apr 2017






