Breaking News

Babapadi ba phane ga ba jese kgosi diwelang

24 Apr 2017

Paka ke ya bobedi dikoloi di leba kwa Letsholathebe, dikhilomithara di le boferabobedi go tswa Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, go ya go bapala phane.
Kgosi wa motse oo, Kgosi Gillard Letsholathebe a re ga a jesiwe diwelang ke babapadi ba phane mo motseng wa gagwe ka ba leswafatsa tikologo e bile ba sa tlotle boleng teng jwa gagwe.
Mo potsolotsong le lekana la BOPA, Kgosi Letsholathebe o tlhalositse fa babapadi ba phane ba tshwanetse go ipega pele mo bogosing gore go nne le tirisanyo mmogo le therisano ee faphegileng.
A re ka ele baeng mo motseng ba tshwanetse gore ba ikitsise bogogi jwa motse pele fa ba thibelela gore ba kgone go thusa go laola seemo ga mmogo le gone go ba supegetsa gore ba ka nna ntlha efe ya motse go ba kgaoganya le masimo a morafe go itsa dikgang di tshwana tsa borukutlhi le dikgotlhang.
“Fa e le nako ya phane Batswana ga ba reetse, e nna semphete ke go fete ka jalo go tlhoka taolo e e faphegileng go itsa dikgotlhang magareng ga banni ba motse le babapadi,” ga bua kgosi.
O tsweletse ka gore e re ka e le paka ya temo, bangwe ba ithusa mo masimong a batho ntle le tetla.
Kgosi Letsholathebe o tlhalositse gape fa go tlhoka go dirisana le go rerisana sentle le bogogi jwa motse go baka dikgotlhang ka bangwe ba ipaya mo merakeng ya merafe ga mmogo le mo dipolaseng tsa batho ntle le dipuisano dipe le beng ba mafelo ao.
A re mo malobeng o ne a fudusa bangwe ba ipeile go bapa le sediba se se nosang leruo la morafe, ka a ne a tshogetse gore ba tloga ba tlhatswetsa phane mo Sedibeng seo mme seo se felele se baka bolwetsi jwa mabele mo dikgomong.
O ne a tlatsa ka gore fa go na le tirisano mmogo e e lolameng sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo ka ba kgona go ba baya leitlho sentle go bona gore a ba dira se se dumalanweng.
Kgosi Letsholathebe o tsweletse ka gore bangwe ba tshaba le gone go ikuela fa ba diragaletswe ke sengwe mo sekgweng ka ba tshaba gore ga ba a ipega pele mo kgosing pele ga ba tsena mo motseng wa gagwe, a tlatsa ka gore bangwe ba ne ba utswelana dikgetsi tsa phane mme ba tshaba go ikuela ka ba ne ba re ba tshaba kgosi.
O tlhalositse gape fa babapadi ba phane ba seke ba itshwenya go phepafatsa tikologo, ba latlhela diatlana tse ba neng ba di dirisa gongwe le gongwe, dipampiri ga mmogo le gone go ithoma tota selo se se sa mo itumediseng.
A re ga ba ke ba gadima kwa morago go bona gore ba tlogela tikologo e le phepa, bone fa ba dirile se ba se tletseng ba ipheditse.
O tsweletse ka gore tikologo e e leswe e borai mo leruong mme seo se felela se mo lotlhanya le barui ka ba dumela fa kgosi e le ene a tshwanetseng go laola seemo ga mmogo le gone go baya motse leitlho.
Kgosi Letsholathebe o tsweletse ka gore o eletsa gore mo pakeng e e tlang ya phane, e leng ka kgwedi ya Morule segolo diteseletso tsotlhe di felwe mo kgotleng go se nne le epe e e ntshiwang kwa diofising gore ba kgone go itse gore mang o filwe matsatsi a le kafe ka bangwe ba fetisa matsatsi a diteseletso, ga mmogo le gone gore go tsile batho ba le kafe mo motseng.
O ne a supa gape fa motse wa Letsholathebe o tsena mo seatleng ka jalo fa diteseletso di ntshitswe di le dintsi go kgona go felela go nna le borukutlhi selo se a sa se batleng mo motseng wa gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Letsholathebe

Event : potsolotso

Date : 24 Apr 2017