Maano a ga a site
24 Apr 2017
Banni ba Zoroga kwa kgaolong-potlana ya Tutume ba tsweletse ka go lwantsha letlhoko la tsela e e yang Nata morago ga gore e tswalwe ntateng ya go senngwa ke pula e e neleng ka bokete ya setsuatsue sa Dineo.
Ka gotwe maano ga a site go sita a loso, ba tsile ka megopolo e e farologaneng go leka go bona tsela ya botshelo.
Ka Tshipi banni ba motse oo ba ne ba tswa letsholo ba eteletswe pele ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Ditshwanelo Shororo go ya go batla ka fa ba ka dikologang ka teng metsi a a tswetseng tsela. Ka ba ne ba setse ka tsela e le nngwe fela ya bofelo ya karabole, ka maswabi le yone e eme metsi, golo gongwe mo go yone. Ba ne ba tla ka methale ya go ka dikologa metsi ao.
Rre Shororo o tlhalositse mo bofelong jwa letsatsi leo la tiro fa ba dirisitse mapako go alela fa fatshe gore dikoloi tse dinnye di kgone go fologela le go palamela sekontiri gore di seka tsa tshwarwa ke metsi le seretse fa di ya go dirisa tsela ya karabole.
O tlhalositse fa e le ka bojotlhe mo ba ka ithusang ka gone gore botshelo jwa banni ba Zoroga bo tswelele.
A re ba tsaya ditlamelo tsotlhe kwa Nata mme ga ba na go kgona go dirisa tsela ya Rakops-Francistown gore ba felele ba ile Nata ka go le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo mme itsholelo ya motse e le ko tlase.
Fa mothusa modulasetilo wa komiti ya motse ya dibetsa tsa tlholego, Rre Ditiro Barwadi a tswa la gagwe, a re ka gotwe ‘mokoduwa go tsosiwa o o itekang,’ ba ne ba tlamega go tsaya tshwetso ka mathata a botshelo ja motse wa bone, segolo bogolo jang ka bana ba dikole ba tswetse mme go sena se ba itshetsang ka sone. A re ba kgonne go ithusa fa ba kgonang teng ka ditsompelo tse ba nang natso.
“Re ne ra bona go tshwanetse gore re itlame go itirela gore re bonatsa tsela e e yang karaboleng fa re setse re emetse dithuso,”Rre Barwadi a rialo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : ZOROGA
Event : tekolo ya tsela
Date : 24 Apr 2017






