Komiti e lela ka letlhoko la madi
24 Apr 2017
E re ka metse ka bontsi e inaakantse le ditiro tsa bojanala go oka bajanala go ikgobokanyetsa madi a a ka dirang ditlhabololo tse di ka godisang metse ya bone, metse mengwe e saletse kwa morago ka ntlha ya letlhoko la madi.
Komiti ya ditlhabololo tsa Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng e lela ka letlhoko la madi go ka inaakanya le ditiro tsa bojanala.
Fa a bua mo potsolosong le ba BOPA, modulasetilo wa komiti eo Mme Boitumelo Tsapoga a re ba na le ditsatlholego di le mmalwa mo motseng wa bone tse di ka direlang motse wa bone madi ka bojanala mme ga ba na madi a ba ka di tlhabololang ka one gore di nne mo seemong sa bojanala.
Mme Tsapoga a re go na le mafelo a a kgatlhisang jaaka legaga la Koledubeng le a reng le na le fa go elelang metsi a a sa kgaleng teng mme a re o eletsa gore le dirwe lefelo la ditso le le ka fa molaong gore ba kgone go kgobokanya madi ka bojanala ba le dirisa.
A re legaga leo gape le dikaganyeditswe ke diphologolo tsa naga tse di nwang metsi kwa megobeng e e bapileng le lone.
A re le thaba ya Lentsweletau e na le masalela a didirisiwa tse di fang bokao jwa gore batho ba ba neng ba nna kwa thabeng eo ke ba mofuta ofe le gore ba ne ba tshela jang.
A re ka jalo go botlhokwa gore lefelo leo le fiwe tshireletsego ya gore ope a seka a utswa dilo tseo kana a di dirisa botlhaswa.
Mme Tsapoga a re ba na le keletso ya gore go dirwe mafelo a bajanala ba ka iketlang mo go one fa ba tswa go bona dithaba kana mekgatsha. O ne a tlatsa ka gore ba ka dira le lefelo le ba ka itisang mo go lone ga mmogo le matlwana a boitiketso.
O tsweletse a tlhalosa gore bojanala bo mosola thata ka bo tsisa madi, e bile bo tswakanya itsholelo ga mmogo le go tlhama mebereko.
A re palo ya banana ba ba sa berekeng kwa motseng wa gagwe e ko godimo, mme fa go na le mafelo a bojanala ba ka bona mmereko gore ba tshele botshelo jo bo botoka.
Fa a ama dikgang tse dingwe Mme Tsapoga a re ba batla lenaneo la go kwala ditlhatlhobo ka tlhaeletsano la BOCODOL mo motseng wa bone. A re motse wa gagwe ga o na lenaneo leo mme seo se pateletsa bana ba bone go latela lenaneo leo kwa Molepolole le Gaborone mme seo se dire gore ba tsamae sekgala se se leele e bile go le borai ka ba tsena bosigo mo lwapeng.
Le fa go ntse jalo a re o leboga gore ba na le motlobo wa dibuka o o nang le sebalamakgolo le maranyane a inthanete . Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : LENTSWELETAU
Event : potsolotso
Date : 24 Apr 2017






