Breaking News

Emisang go bipa mpa ka mabele

23 Apr 2017

Kgosi wa Xobe 2, mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Kgosi Kebonyekgotla Serome, o kopa batsadi go emisa go fitlha bana ba bone fa ba dule mo tseleng, segolo bogolo mo go utsweng leruo.
A re banana ba motsana wa gagwe ba inaakantse le go tsaya leruo le e seng la bone ba le rekisa, mme se se direlwa mo matlhong a batsadi.
O tlhalositse se mo potsolotsong le BOPA a re e re ntswa batsadi ba bona dikgang tse ga ba di ise kwa go ba molao kgotsa kwa go kgosi go kgalema.
“Ke a tle ke romele botsadi bongwe go bua le bangwe ba batsadi ba re lemogang fa ba rotloetsa bana, mme jaanong ke ipotsa gore a batsadi ba tshaba bana kgotsa jang,” kgosi a tlhalosa.
Kgosi o supa fa ene le morafe ba lekile go dira komiti ya twantsho borukutlhi mme e ne ya felela e phatlalala.
A re le mapodisi a nna fela mo Xobe 2 ka beng ba ditiro tse ba sa ikaelele go di emisa.
O tsweletse ka go re go feta sebaka sa beke fela go bo go utlwala dikgang tsa bogodu jwa leruo, mme di remeletse mo bananeng.
Kgosi Serome o tlhalosa fa a ne a bitsa makalana a a lebaneng go bua le banana ba motse mme ga seka ga nna le maduo.
A re ka motse o ise o tlhomamisiwe gore mapodisi ba ka theogelela segautshwane le bone, go baka gore ba ba dirang borukutlhi ba dire fela ba sa tshabe sepe ka dinako tse dingwe mapodisi ba tla thari morago ga go begelwa dikgang tsa bogodu jwa leruo.
O ne a kopa ba molao go tsibogela dikgang tsa borukutlhi le puso go ba okeletsa dikoloi ka mapodisi a lela thata ka tsone go latela dikgang tse di kwa ntle ga Maun.
Mo go tse dingwe, Kgosi Serome o supile fa a sa jesiwe diwelang ke baomedi ba bojalwa ka ba itsa batho go tla diphuthegong.
A re o lekile go nna le bone a ba gakolola fa diphuthego tsa kgotla di le botlhokwa le mo go bone tota. BOPA

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : XOBE

Event : potsolotso

Date : 23 Apr 2017