Breaking News

Badumedi ba kgothaditswe go itlhatlhobela malwetse

23 Apr 2017

Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o kopile baeteledipele ba dikereke go kgothatsa maloko a bone go itlhatlhobela malwetse gore dingaka di kgone go lwantsha malwetse ao a ise a jwelelele.
Rre Makgalemele, yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, o dirile kopo e kwa Kalamare ka Matlhatso mo moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano kereke ya Lontone e ntse e bidiwa UCCSA.
A re le ntswa dingaka di tshwere ka natla go lwantsha malwetse a a apesitseng lefatshe leno jaaka kgotlholo e tona, kankere le mogare wa HIV, o tshwenngwa ke gore bontsi jwa Batswana ba sa ntse ba palelwa ke go itlhatlhoba mo ba felelang  ba ya kwa dikokelong ba setse ba gateletswe.
A re ke boikarabelo jwa baeteledipele ba dikereke go thusana le mmuso go lwantsha dikgwetlho tse di apesitseng lefatshe leno jaaka lehuma le go itontela dino ga Batswana mo go felelang go ba baketse malwetse ntateng ya go tlhoka go ja dijo tse di nang le dikotla .
Rre Makgalemele o ne a tlhalosa fa kereke ya UCCSA  e le nngwe ya tse di tswang kgakala di tshwaraganetse le mmuso go aga tshaba ya lefatshe leno ka go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ga mmogo le ba ba amilweng ke dibetso tsa tlholego jaaka merwalela.
E rile Kgosi Godiramang Segotso a amogela baeng a kopa baeteledipele ba UCCSA go potlakela go tsisa moruti mo Kalamare ka jaana yo o neng a le teng a tlogetse tiro ka bogodi.
Moruti Kgolo Mokobi o tlhalositse mo puisanyong le BOPA fa kereke ya UCCSA e simolotswe mo Botswana ke batho basweu ka 1799 fa e sa ntse e bidiwa LMS mme ya bidiwa UCCSA ka 1967.
Moruti Mokobi o boletse fa kereke e, e aname le mafatshe a tshwana Afrika Borwa, Namibia, Zambia, Zimbabwe, Mozambique le Botswana.
Tiro e, e simologile kwa sekoleng se segolwane sa Kalamare ka mogwanto.
E ne e tsenwe ke balatedi ba kereke eo go tswa mo dikgaolong tsa Boteti, Lerala/Maunatlala, Sefhare/Ramokgonami, Palapye, Serowe, Shoshong, Mahalapye Botlhaba le Bophirima. bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : KALAMARE

Event : UCCSA 50th celebration

Date : 23 Apr 2017