Breaking News

Chithawa Gardens e eme le banana

20 Apr 2017

E re ka letlhoko la ditiro le apesitse lefatshe kobo ka letshoba, segolo jang banana, bontsi jwa banana mo metseng selegae ba itshetsa ka metshameko e tshwana le wa kgwele ya dinao.
Banana ba Ramokgwebana le Jackalas No1 mo kgaolong ya Bokone Botlhaba  ke bangwe ba ba sego go bo ba na le morotloetsi yo o bonang gore ditoro tsa bone ga di phirime mo go tsa kgwele ya dinao.

E ne ya re ngogola, madirelo a Chithawa Gardens kwa Ramokgwebana a itlama go tsenya letsogo go ema banana ba Ramokgwebana ga mmogo le ba Jackalas No1 nokeng ka go ba rotloetsa ka P37 000 mo metshamekong ya kgwele ya dinao e e tshwarwang fa ngwaga o ya fifing.

Metshameko e, e tsaya malatsi a le matlhano mme e akaretsa dikgaisanyo ya ditlhopha tse some.

Mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo, mookamela madirelo a Chithawa Gardens, Mme Mpho Mutshekwane o tlhalositse fa ba itemogetse fa motshameko wa kgwele ya dinao o ratega e bile o thusa banana ka bontsi bo amilwe ke letlhoko la ditiro, e bile o thusa le gone go ba ntsha bodutu ga mmogo le go ba ntsha mo mebileng.

A re ba ne ba itlama go rotloetsa metshameko eo ka dipoelo tsa kgwebo ga mmogo le madi a ba a dirang mo go tsa itloso bodutu kwa madirelong a Chithawa Gardens.

Mme Mutshekwane o tlhalositse fa moono wa bone ba o simolotse ka 2016 mme ba itlamile go rotloetsa dingwaga di le tharo, wa 2018 e le one wa bofelo.

Ntle le madi Mme Mutshekwane o tlhalositse gape fa ba tlhokomela metshameko go bona gore a sengwe le sengwe se tsamaya sentle, ga mmogo le go bona gore a lebala le mo seemong se se itumedisang.

A re ba itlamile gape go bona gore ba direla motse wa ga gabo se se molemo  kgwedi le kgwedi jaaka go sela matlakala, go thusa batlhoki, bagolo le tse dingwe.

Mme Mutshekwane a re jaaka e le mongwe wa bagwebi ba popota mo kgaolong, o ikaeletse gape go fetola  matshelo a banana, segolo jang mo go tsa kgwebo ka a na le lesedi le lorato mo kgwebong.

A re o ikgolagantse le mongwe wa banana e bile e le mongwe wa balemi ba tlhwatlhwa mo kgaolong ya Bokone Botlhaba yo o thusitsweng ke lekalana la banana, Rre Deboyson Mathe go bona gore ba dira diphuthego mo motseng wa Ramokgwebana le e e mabapi go amogana le banana maele a go tsamaisa dikgwebo.

Go ya ka Mme Mutshekwane, toro ya gagwe ke go bona banana ba ikemetse ka dinao go hema letlhoko la ditiro.

A re le ntswa a na le dikeletso tsa go godisa madirelo a gagwe ka methale e e farologanyeng, o batla go bona banana le bone ba tsamaya mo dikgatong tsa gagwe, ba nne le dikeletso le tebelopele go tsena mo mererong ya tsa kgwebo.

O tsweletse ka go re ene le Rre Mathe ba ikaelela go tsamaya le dikgotla ga mmogo le dikole ba jala mowa wa bogwebi go thusa le go tsholetsa itsholelo ya lefatshe.

Mme Mutshekwane a re o godisitswe ke kgwebo, motsadi wa gagwe e ne e le motho yo o neng a rata go ikemela ka dinao go bona gore bana ga ba wele mo isong, ka jalo le ene a tseeletsa lorato loo go bona gore o itirela khumo jang mme a supa fa e le motho yo o ratang go nonotsha ba bangwe go ba thusa go hema mmaba tlala.

A re le kwa madirelong a gagwe, a a itsegeng thata ka tsa boroko le thekiso ya nnotagi o ntse o eme banana nokeng ka a dirisana le banana ba baletsi ba tshwana le Rre Katlego Mguni yo o itsegeng thata ka leina la DJ Skhetto le Rre Lentle Ditsebe (DJ Lenty).

O tlhalositse fa a rata tiro e ba e dirang mme e bile a ikaeletse go ba thusa go gola le go ba nonotsha.

Mme Mutshekwane a re ba ya go bereka mmogo le  DJ Skhetto go bona gore ba ka fetola jang matshelo a banana, a tlatsa ka go re o itemogetse fa DJ Skhetto e le mongwe wa banana ba ba tlhoafetseng e bile a na le lorato mo tirong ya gagwe.

“Ke ya go bereka le Rre Katlego Mguni, re bone gore re dira madi jang gore re tle re dire ditiro tsa bopelotlhomogi mo kgaolong, mme e bile le ene ke eletsa gore ba bangwe ba ka lemoga bokgoni jwa gagwe ba mo rotloetsa go nna DJ wa tlhwatlhwa yo o itsegeng lefatshe ka bophara,”  a tlatsa.

A re bontsi jwa banana ba na le dikitso tse di farologanyeng, bangwe ba iphitlhile ba tlhoka thotloetso gore ba kgone go tswela mo pepeneneng, ka jalo go tlhoka fela gore setshaba se ba nonotshe gore ba kgone ditoro tsa bone. BOPA

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Ramokgwebana

Event : Potsolotso

Date : 20 Apr 2017