Malikongwa o akgola lenaneo la maranyane
20 Apr 2017
Dipuisanyo le ditlhaeletsanyo ka go farologana ga di sa tlhole di tshwana le bogologolo.
Botshelo bo fetogile ka bonya ka bonya mme Batswana ba amogetse diphetogo tse.
Diphetogo tse ga di a ka tsa fetola ngwao ya fela, mme di ne tsa tlhabolola matshelo a bone, ke gone ka moo ditirelo di le dintsi di leng bonako go dirwa ntateng ya maranyane.
Se se builwe ke monnamogolo Rre Unangoni Malikongwa yo o dingwaga di masome a supa le boraro yo o ithutileng ka dikgang tsa ditlhaeletsanyo ka maranyane mo lenaneong la kitso ka maranyane kwa motlobong wa dibuka wa Nata.
O tlhalositse fa a ne a bona go le botlhokwa go tsenelela dithuto tsa maranyane a dikhompiutara ka 2014 gore a anywe botsipa jwa go kgona go a dirisa mo botshelong.
“Dithuto tse ke mahala, ka jalo ke ne ka fetsa mme ka abelwa setlankana se se supang gore ke weditse dithuto tsa me sentle, mme se sa ntira motlotlo ka gompieno ke kgona go buisanya le batho ka maranyane,” go buwa Rre Malikongwa.
A re mo dinakong tsa bogologolo go ne go dirisiwa mekwalo mo pampiring go tlhaeletsana, mme go ne go tsaya lobaka go arajwa, mme go diriwe fela jalo go fitlhelela kwa phelelong ya puisanyo.
A re mo nakong ya segompieno go na le maranyane a a tlhofofatsang dipuisanyo mo go solegelang batho molemo.
O supa fa ditirelo tsa bogologolo di ne di le bonya mme o leboga gore dikhomputara di ne tsa tla ka go fefosa dipuisanyo le ditirelo tse dingwe ka go farologana.
Rre Malikongwa o tlhalosa fa a ne a seka a ipona tsapa a re ke monnamogolo go tsenelela lenaneo la ithutuntsho ya tsa maranyane mo motlobong wa dibuka. A re malatsi ano melaetsa le dikgang tse di botlhokwa o di tsaya mo maranyaneng a inthanete.
“Ke dirisa khomputara go bala dikgang mo dipampring tsa dikgang tse di mo inthaneteng,” a rialo. A re se se boloka madi a gagwe a a neng a reka dipampiri ka one gape go fokotsa matlakala ka ga a sa tlhole a rwele dipampiri tsa dikgang.
A re go botlhokwa go nna le kitso ka tsa maranyane, segolo bogolo ka megala ya segompieno e tshwana fela le dikhomputara.
A re seo se tlaa dira gore ba le bantsi bagolo ba kgone go dirisa megala eo ba seka ba salela morago.
Rre Malikongwa a re le go reka dilwana kwa mafatsheng a sele o dirisa yone khomputara ka a bua le barekisi ka khomputara mme se se mmolokele nako le madi a go tsaya loeto a ya go reka tse a di tlhokang.
O tlhalositse fa batho ba sa lemoge fa motho a gola le thuto, ka jalo bagolo ba tshwanetse go ithuta nako le nako ka ba tshela le yone. A re batho ba itlhokomolosa dilo tse di botlhokwa ba re ke tsa sesha ntswa ba tshela le tsone.
“Bagolo ba tlhoka ditirelo tsa sesha, ka jalo ga go na kwa ba ka di tshabelang teng fa e se go di amogela fela,” Rre Malikongwa a tlhalosa. Rre Malikongwa o gakolola banana le bagolo go nna ba ithuta ka dinako tsotlhe gore dilo di le dintsi di nne motlhofo. BOPA
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : Nata
Event : Potsolotso
Date : 20 Apr 2017






