Teans Gas ke seikokotlelo sa ga Mothomogolo
20 Apr 2017
Monana wa Serowe, Rre Teedzani Mothomogolo o galaleditse lenaneo la Youth Development Fund go mo fa tsholofelo mo botshelong ka go mo thusa ka madi a kgwebo.
Fa o tlhoka gase mo Serowe Teans Gas ke nngwe ya maina a o tlaa a umakelwang.
O tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore kgwebo o e tshwaraganetse le mosadi wa gagwe, Mme Khumo Mothomogolo.
“Fa re simolola kgwebo e, ke ne ke sa solofela go le gontsi ntswa e dira bontle mo bogompienong, ga tlhalosa Rre Mothomogolo.
A re mosadi wa gagwe o ne a rekisa bonzamela fa ene a ne a bereka mo khamphaning ya digase mme ba dumalana go tsaya madi a banana.
Rre Mothomogolo o tlhalositse gore lephata la banana le ne la ba thusa ka P80 000 go simolola kgwebo ka 2011.
A re se se itumedisang segolo bogolo ke gore ba setse ba feditse go duela madi a dikadimo.
O ne a supa gore kgwebo ya bone e ba diretse dipoelo tse ba kgonneng go simolola kgwebo ya thuo ya dihutshane le dikoko tsa Setswana e le tsela nngwe ya go tswakanya itsholelo.
Monana yo o ne a tlhalosa gore ba bona thotloetso go tswa kwa khanseleng le makalana a mangwe a puso ga mmogo le mo setshabeng ka kakaretso.
A re maikaelelo a bone ke go atolosetsa kgwebo ya bone kwa mafelong a mangwe jaaka kwa metsaneng e e dikologileng Serowe jaaka Mmashoro. O supile fa makalana a a ikemetseng a kadimiso madi a nna a ba etela kgapetsakgapetsa ba le mo letsholong la go ba ipapaletsa gore ba adime madi mo go bone gore ba godise kgwebo. BOPA
Source : BOPA
Author : Onkutule Selathwa
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 20 Apr 2017






