Breaking News

Mo-tlhoka pono o loga ditlatlana

20 Apr 2017

Mme Kemmonye Ketsholang wa Xhaxhaba mo kgaolong ya Nhabe ke sekao sa puo e e reng bogole ga se go tlhoka bokgoni ka le fa a sa bone o itshetsa ka go loga ditlatlana.

Fa a buisana le BOPA, Mme Ketsholang o tlhalositse fa a tlhokile pono a sa le mmotlana morago ga go tshwarwa ke bolwetse jwa mmokwane a le dingwaga di ka tshwara botlhano.

Mme Ketsholang yo o itshetsang ka go loga ditlatlana,mekgabisa ya diatla, meseme le mekgabisa ya mo matlong le mo mafelong a bojanala jaaka dihotele, a re o simolotse tiro ya gagwe a sa le mmotlana.

A re ka go twe tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, o kwataboloditse kitso ya go loga mo go mmaagwe.

“Ke latlhegetswe ke pono gotlhelele, ka jalo go ne go se motlhofo ka ke tshwanetse go kgabisa ke dirisa mebala e e farologanyeng, mme ke ne ka kgona ka go ithuta go baya mebala e e farologaneng mo matsogong a a farologaneng le go bofa ka go farologana, mme ke dira jalo fa ke sena go botsa ba ke logang le bone,” ga tlhalosa jalo Mme Ketsholang a nyenya.

Mme Ketsholang o bile a tlhalosa fa mo bogompienong a bereka a tsentse marapo dinameng ka gore paka ya bajanala e a simologa, ka jalo ba tshwanetse go mo fitlhela a feditse bontsi jwa dilwana tsa gagwe.

A re bajanala ba nna ba etela motse wa bone go tla go reka dilwana tsa bone, a tlatsa ka go re tse dingwe ba di romela kwa Maun le madirelo a a fitlhelwang koo.

Le fa go ntse jalo, Mme Ketsholang o tlhalositse fa a sa ntse a sa thusiwa ka lenaneo lepe la puso, mme a re o ne a kanokilwe ke ba khansele jaanong o letetse phetolo.

O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka jaana e kgonne go mo tsenyetsa ngwana sekole le go tsenya phaletshe mo ntlong.

Mme Ketsholang a re dingwe tsa dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke go bona dibapalwa nageng tse a di dirisang go loga, e leng matlhare a mokolwane.

O boletse fa a tshwanelwa ke go dirisa dipoelo tse dingwe go reka didirisiwa mo bathong ba bangwe, mme a re ka didirisiwa tse di bonwa kgakala, o felela a di reka boturu, selo se a reng ke poelo morago.

Mme Ketsholang a re ga a kgone go ya go itseela didirisiwa mo nageng ka e le mo-tlhoka pono ka e bile ba tshelela mo lefelong la diphologolo tse di borai jaaka ditlou le dibatana.

“Ke ka rata go raya batho ba ba tshelang le bogole gore ba seka ba inyatsa ba bo ba ineela mo botshelong ka gore bo-na-le bogole ga se phelelo ya botshelo, ba tshwanetse go tshwara ka thata go dira sengwe se se amogelesegang ka matshelo a bone.

Ke tlaa rata go raya malwapa a a tshelang le ba-na-le bogole ke re ba ba ntshetse mo pontsheng ba seka ba ba fitlha gore ba kgone go bona dithuso,” ga feta jalo mologi wa ditlatlana.

A re o eletsa gore ba lephata la kabo ditsha ba mo abele setsha sa kgwebo, a tlhalosa fa a batla dithuso tsa madi tse di ka mo kgontshang go godisa kgwebo ya gagwe go nna le marekisetso a e leng a yone.

O ne a wetsa ka go re o ka itumela fa a ka supa dilwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa Gaborone. BOPA

Source : BOPA

Author : Ketshegilwe Killer

Location : Xhaxhaba

Event : Potsolotso

Date : 20 Apr 2017