Boitshwarelo bo tsisa kgololo
19 Apr 2017
Moruti wa kereke ya The First Church of St Peter mo Makopong, Rre Frank Mackenzie a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le mowa wa boitshwarelo ka o tsisa kgololosego mo go yo o diretsweng phoso le yo o e dirileng.
Mackenzie o buile jaana kwa moketeng wa papolo ya Morena Jesu Keresete o o neng o tshwaretse kwa Makopong o o neng o phuthile diphutego tsa kereke e go tswa mafelong a a farologanyeng di akaretsa Afrika Borwa.
Moruti o ne a tlhalosa fa go itshwarela mongwe ka wena go letlanya e bile go tsisa popagano, lorato, kagiso le tswelelopele, a afa sekai ka loso lwa Morena Jesu Keresete a re ke sekao sa gore Modimo o ne a itshwarela batho dibe tsa bone mme a ba fa lorato lo logolo a ntsha morwawe yo o tsetsweng a le esi go swela maleo a bone mo mokgorong.
A re go mosola gore batho ba tsee malebela mo mmoping ba itshwarele bangwe ka bone fela jaaka mmopi a ne a ba itshwarela.
Godimo ga moo o kaile fa mafoko a a boitshepo a Baebele a bolela fa Jesu a ne a re ‘ba itshwarele rara gonne ga ba itse se ba se dirang, a re se ke sekao sa gore boitshwarelo bo botlhokwa, ke sone se morekolodi Jesu le ene a neng a bo diragatsa.
Rre Mackenzie o ne a tlhalosa fa boitshwarelo bo se mosola mo bathong fela mme le mo lefatsheng ka kakaretso bo le mosola, a re gore dilo tse di tlhabololang lefatshe ebong popagano, kagiso, bopelotlhomogi, kgathalo, neelano, therisano le lorato di rene go tlhokega gore go nne le mowa wa boitshwarelo.
Moruti Mackenzie o kgadile go tlhoka go itshwarela a supa fa go thuba malwapa le manyalo gape a re go ka kgaoganya le lone lefatshe.
O ne a tlhagisa baphuthegi fa go tlhoka go itshwarela gape go baka kilo, dipolaano le dintwa tse di ka bakang tshenyo e kgolo.
Godimo ga moo o ne a tlhalosa fa se se kgoreletsa tswelelopele le ditlhabololo tse di kabong di diragaditswe fa go ne go na le popagano le kagiso e e tsisiwang ke mowa wa boitshwarelo.
O ne a tlaleletsa ka go re dintsho le dikgobalo tse di bakwang ke go tlhoka go itshwarela di dira gore lefatshe le latlhegelwe ke baeteledipele le baitseanape, ka jalo a kopa phuthego go itshwarela a ba supegetsa fa Baebele le yone e bua gore go itshwarelanwe.
Mokete o o ne o tshwere ka fa tlase ga setlhogo se se reng O Nkgopole fa o Tsena kwa Paradeising,” mme fa Moruti Mackenzie a tlhalosa mafoko a, o kaile fa e le temana e mo go yone modiramolato mongwe yo o neng a bapotswe jaaka Jeso a neng a ikuela mo go Jeso.
A re se se ne se supa tshepho ya monna yo mo go Jesu Keresete gore ke morwa Modimo e bile ke ene tsela le boammaaruri ya go ya kwa bodulong jwa Modimo.
O ne a tlhalosa fa se se raya gore fa motho a le mo dipharagobeng go botlhokwa gore a ikanye Jesu
Motshwarelela Archibishop wa kereke e mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Andrew Kgaileng o ne a kopa baphuthegi go rapela gore ba nne le mowa wa boitshwarelo.
Rre Kgaileng o ne a tlhalosa kobamo, kopelo le go letsa diphala mo moketeng o e le go ipelela loso lwa ga Jesu, a kaya fa mo go bone go supa phenyo mo diemong tsotlhe gonne Jesu o ne a fenya loso le lebitla, a tsoga morago ga malatsi a mararo.
Kgosi Vincent Phologo wa Makopong o ne a galaletsa bokopano jo a re bo tsisitse tshokologo, kgololo le tsosologo mo meweng ya batho. O kaile fa thero e e rerwang e tlaa aga banni ba Makopong gore ba itshole ka boitshwaro jo bo molemo. BOPA
Source : BOPA
Author : Johanna Martin
Location : Makopong
Event : Moletlo wa paseka
Date : 19 Apr 2017






