Baruti ba na le seabe mo kgolong ya kereke
19 Apr 2017
Phuthego ya kereke ya Roma ya St. Bernads kwa Taung e lebogetse go nna teng ga baruti e bile ba re go na le seabe mo kgolong ya kereke ka go tsisa diphetogo tse di maleba le go ba godisa mo tumelong.
Se se builwe ke modulasetilo wa St. Bernads Parish Rre Kabo Monare mo moletlong wa tsamaya sentle wa mobishopo wa pele wa kereke ya Roma Moruti Boniface Setlalekgosi.
Rre Monare a re o leboga Moruti Setlalekgosi gore morago ga go tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2009 a bo a ithaopela go etelela kereke eo pele ka e ne e sena moruti wa yone yo o tsepameng e bile gape a re nako eo ene e sa ikemela ka nosi.
Rre Monare a re pele ga boithaopo jwa ga Moruti Setlalekgosi, kereke ya bone e ne e lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka go tsenela mo kerekeng e nnye, phuthego e e palo potlana le go sa ikemela ka nosi.
A re morago ga go bereka le moruti Setlalekgosi o ne a ba thusa go atolosa kereke ka go ba kopela dithuso ka go farologana go aga kereke e kgolwane ga mmogo le go ikemela ka nosi ka kgwedi ya Lwetse ngwaga o o fetileng go tswa ka fa tlase ga kereke ya St. Condrads kwa Ramotswa.
O ne a tlhalosa gore mo go ikemeleng ka nosi moo go ba fa sebaka sa go nna le dithata dingwe ga mmogo le boikarabelo jaaka go nna le letlole la polokelo madi le tse dingwe. Rre Monare a re gape ba lemoga gore kereke e ile ya gola thata ka ba ile ba etela bangwe ka bone mo malwapeng go ya go ba nonotsha mo tumelong le go ba rotloetsa go boela kereke, mme a re seo se nnile le maduo.
Rre Monare a re le mokgatlho wa banana wa Chiro o ile wa itsosa go direla kereke le go nna le seabe mo ditirong tsa tsamaiso ya kereke.
Fa a ntsha la gagwe moruti Setlalekgosi a re o itumeletse tirisano mmogo ya phuthego ya St. Bernads, ka ba ile ba tia moko go bona gore ba tlhabolola kereke ya bone. A re seo se bonetse gape mo tsosolosong ya bakeresete ba ba neng ba itebetse.
Moruti Setlalekgosi a re go ne go se motlhofo go ka fenya dikgwetlho ka nako e le nngwe, mme ba ile ba tsamaya tshipidi go fitlhela ba kgona maitlamo a bone.
A re thata o itumeletse go bona ba godile mo tumelong e bile ba sala morago ditsamaiso tsa kereke ga mmogo le go tsaya karolo mo makgotlaneng a kereke.
Moruti yo o tlaa etelelang pele phuthego eo Stephen Molefi, a re o eletsa gore phuthego e tswelele e tshwere ka thata jaaka pele. Moruti Molefi a re o lebogela bopelotelele le go bereka ka botswapelo ga ga Moruti Setlalekgosi le seabe se a nnileng le sone mo kgolong ya kereke ya Roma mo Botswana.
Ka jalo a re o eletsa go itsise phuthego ya gagwe gore kereke ke lelwapa le tshwanetse la tlotliwa, la ithata ga mmogo le go nna le boikarabelo.
O ne a wetsa a re o eletsa gore ba ba saletseng kwa morago ba itekole gore le bone ba gole mo thapelong le go dira ditiro tsa Modimo ka lorato. BOPA
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : Taung
Event : Moletlo wa tsamaya sentle
Date : 19 Apr 2017






