Breaking News

Goya o gwetlha dikereke go rapelela lefatshe

19 Apr 2017

Mothusa tona wa thuto ya motheo e bile e le mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o gwetlhile dikereke go tswelela di rapelela lefatshe la Botswana.  

A re jaaka Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a ne a rapela kwa boipusong jwa dingwaga tse di masome matlhano ngogola, dikereke le tsone di tshwanetse go tswelela di rapelela lefatshe.

Rre Goya o buile jaana kwa moletlong wa Paseka wa Kereke ya Eloyi Christian Church kwa Tsetsebjwe ka Labotlhano, kwa a neng a tlhalosa gore Paseka ke nako ya go gakologelwa le go leboga, le go utlwa molaetsa wa papolo, tsogo le go rula ga Morena Jesu.

A re dikereke di rapelele itsholelo ya lefatshe gore e tsoge, e phatsime, e gole le gore pula e ne jaaka e nele bosheng.

Rre Goya a re puso e ne gape ya ntsha lenaneo la Tebelopele ya 2036 mme a kopa Batswana le dikereke go rapelela maitlamo a lenaneo le gore a kgonagale jaaka e le keletso ya puso go nyeletsa lehuma.

Rre Goya o ne a rotloetsa dikereke go rapelela Batswana botlhe gore ba nne le mowa wa kagiso, bonatla, boipelego, botho, tlotlo le lorato jaaka lokwalo lwa Bakorintha lo bua.

Rre Goya a re fa mebele, dipelo le mewa ya Batswana e ka huma ka merapelo dikgwetlho di tshwana le go wa ga itsholelo, letlhoko la mebereko, malwetse le tse dingwe di ka fela.

A re Batswana ba tshwanetse go nna le bopelotlhomogi, a kgothatsa dikereke go tswelela ka go tsenya letsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi, ka e bile e le thomo e kgolo ya kereke.

Rre Goya o ne a rotloetsa dikereke go tsenya seatla mo mererong ya thuto gore lefatse le nne le tshaba e e rutegileng.

Rre Goya o ne a ntsha ditilo di le masome a matlhano go thusa Kereke ya Eloi le P50 000 yo o tlaa thusang moruti go tsamaya lefatshe ka bophara go rera lefoko la Modimo.

E rile a ema go fa balatedi ba Eloyi molaetsa wa paseka, Bishop Jakoba Sekai a tlhalosa fa lebaka le legolo le le dirang gore Bakeresete ba bo ba kokoane ka paseka ke lorato lwa Modimo lo a lo supileng gore batho ba kgone go gololwa mo dibeng.

Kgosi Dialwa Motsamai wa Tsetsebjwe o tlhalositse fa Tsetsebjwe a segofaditswe ka dikereke tse di mo motseng ka di tshwaragane le bogogi go bopaganya morafe.

Kgosi Motsamai a re Eloi e tswa kgakala e supa mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko ka go thusa ba ba dikobo dikhutshwane.

A re se se tsamaelana le maitlamo a puso a go thusa ba ba sa kgoneng go itirela.

Kgosi Motsamai o ne a tlhalosa fa maduo a bana a sa itumedise mme dikereke di tsentse letsogo go bua le baeteledipele le bana ba dikole mo e bileng mo nakong ya gompieno seemo se nametsa.

Kwa bofelong mothusa modulasetilo wa Eloyi, Rre Otukile Chaikhwa o ne a tlhalosa fa kereke e dirile lenaneo la dingwaga tse tharo le e leng lone le ba tlaa le salang morago go netefatsa gore maitlamo a bone a a diragala.

Rre Chaikhwa a re dingwe tse ba tlaa itebaganyang le tsone ke go ntsha banana mo mekgwatheng, tirisano mmogo le puso le go lwantshana le lehuma le le tshwenyang Batswana.

E ntse e le mo go one malatsi a papolo, go tswa kwa Bobonong Pauline Mothudi o bega fa modulasetilo wa khansele ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame a gwetlhile Kereke ya Bautwi ba lefoko Zion Church of God go nna sekao mo setshabeng jaaka leina la kereke le bolela.

Rre Moribame yo gape eleng mokhanselara wa Molalatau, o tlhalositse fa kereke e tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go aga maitsholo a setshaba ga mmogo le tlhabololo matshelo.

O boletse fa kereke e tlamega go tshwaragana le puso mo go okeleng banana mo kerekeng le go rotloetsa banana go ema ka dinao, ka Setswana sa re maoto a nong ke phofa. A re kereke e tshwanetse go nna le seabe se setona mo go rotloetseng go nna tshaba e e lorato e bile e kgathala, go itsa dikgang tsa dipolaano tsa baratani.  

Rre Moribame o tlhalositse fa seabe sa dikereke se le segolo mo go tokafatseng matshelo a batho ga mmogo le go tshwaragana le puso.

A re puso e supile fa e tlotlomatsa Sekeresete mo lefatsheng leno ka e rile e bona fa pula e sa ne ya bitsa diphuthego tse di farologanyeng tsa dikereke go ya go rapelela pula kwa letamong mme ya re morago dipula di sena go na, ya bitsa diphuthego tsa sekeresete go ya go leboga Modimo.

O tlhalositse fa kereke e na le motlhala o montle mo ditsong ka e ruta batho setho mme se se dire gore borukutlhi bo fokotsege.

Mokwaledi wa kereke, Mme Bokhutlo Ramalebogo o tlhalositse fa kereke ya bone e tlhamilwe ka 2003.

Ntlokgolo ya kereke e e kwa Bobonong,e na le makalana a le masome mabedi le bone mo borwa jwa Afrika.

Mme Ramalebogo a re kereke e tsweletse ka go diragatsa matshego mangwe a Vision 2016 ka go abela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

O tlhalositse fa kereke e, e kile ya abela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng mo metseng e tshwana le Bobonong, Moletemane, Rasesa le e mengwe.

Mookamedi wa kereke, Bishop Pogiso Modikwa o tlhalositse fa dikgakololo tse modulasetilo wa khansele a di ba neetseng di tlaa ba gwetlha gore ba dire go menagane go tlhabolola kereke, ka jalo a supa fa ba tlaa tshegetsa dikgakololo tsa modulasetilo wa khansele. BOPA

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Moletlo wa paseka

Date : 19 Apr 2017