Breaking News

Sankgopa o leboga Tautona

19 Apr 2017

Rre Obakeng Sankgopa wa Gamoswaana mo kgaolong ya Borwa o leboga Tautona Lt. Gen Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a  tsile ka mananeo a nyeletso lehuma ka a tlhama mebereko e bile a tiisa moko go inaakanya le tsa kgwebo.

Rre Sankgopa wa dingwaga tse di masome mane le bosupa a re e rile ka 2015 ba lenaneo la nyeletso lehuma ba mo rekela didirisiwa tsa go betla ditilo tsa dikgole.

A re didirisiwa tseo ke, shage, diaparo tsa go itshireletsa, sefetlha motlakase, boro le dipente.

A re morago ga moo o ne a tia moko ka dilo tseo e ne e le tsone tse a neng a di tlhoka thata go ka dira ditilo.

Rre Sankgopa a re o nnile dingwaga di le lesome le bobedi kwa kgolegelong kwa a duleng teng ka 2014, mme ke gone kwa a ithutileng go betla ditilo, mabolokelo a diaparo, disofa le tse dingwe.

A re mo nakong ya gompieno o remeletse mo go direng ditilo tsa dikgole ka a lemogile gore di bogadi bo gaufi.

Setilo ke P350.

A re morago ga go tswa mo kgolegelong o ne a bona go le botoka go itshetsa ka go dira ditilo ka a ne a bona dingwaga di kgabagantse go ka batla tiro ka e bile a ne  a  kile a dira molato.

O na le bareki ba ba farologanyeng le ba mafatshe a sele tota.

Rre Sankgopa a re kgwebo e tsweletse sentle ka dipoelo tse a di bonang o tshetsa ba lelwapa la gagwe mme mo go salang a go bolokele isago.

Le fa go ntse jalo, a re setshlo ke kgwetlho ka se a tura ka e bie a reka kgakala kwa Gaborone.

“Ke nnile le kgothatso e tona kwa lwapeng le mo motseng, ka batho ba ne ba sa nkgetholole gore ke kile ka ya  kgolegelong, mme seo se dirile gore ke seka ka inyatsa mo botshelong, mme se mphile kgothatso ya go ikamogela le nna gore ke boetse gape mo matlhong a setshaba,” ga bua Rre Sankgopa.

Rre Sankgopa a re keletso ya gagwe ke go bona a na le madirelo a matona a a nang le fa go beelwang didirisiwa teng. A re o rotloetsa botlhe ba ba kileng ba ya kgolegelong go ikamogela le go dirisa dithuto tse ba di ithuleng go baya dijo mo tafoleng ka jaana mokoduwe go tsosiwa o o itekang.

O ne gape a re fa o le motho o tshwanetse wa ikamogela pele gore setshaba se tle se go tlhomphe.

A re ke sekao sa gore fa o tswa kgolegelong o na le sebaka sa go ipopa sesha le go fetola boitshwaro.

Rre Sankgopa a re o rotloetsa banana go ikgapha mo ditirong tse di maswe tse di ka ba tsenyang mo melatong ga mmogo le go ya go disa poo, a re seo se ka ba senyetsa bokamoso. BOPA

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 19 Apr 2017