Bakgweetsi ba lela ka ditsela
19 Apr 2017
Bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba kwa Shoshong ba supile ngongora ka seemo se se sa jeseng diwelang sa ditsela tse di ralalang motse.
Jaaka dipula tse dinamagadi di nele bosheng, bakgweetsi ba ’bete se molangwana ka seemo sa ditsela ka di epilwe ke metsi mme e bile dingwe tsa tsone di sa tshelwa sekontere le ntswa e le ditsela tse ditona.
Ba re ditsela tse di onatsa dikoloi.
Mo potsolotsong bosheng le BOPA, mongwe wa bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba, Rre Gomolemo Mokalake o tlhomamisitse fa ditsela tsa Shoshong di ba tshidisa bokete.
O tlhalositse gape gore madi a ditshenyegelo tsa go baakanya dikoloi a feta go menagane madi a ba a dirang mo kgwebong.
Rre Mokalake o tlhalositse gape fa ditshenyegelo tse di ba baya ka fa mosing fa ba tshwanetse go ya tekong ya dipalamo tsa setshaba ka gantsi ba tlholwa, mabaka e le ditsela.
Dingwe tsa ditsela tse ga di tsamaege ka nako ya dipula ka di le mo mmung wa seloko mo nako nngwe e bile ba kgonang go kaalalelwa le go nwela mo diretseng.
Le ntswa go na le ditsela di le tharo tse di tshetsweng sekontere e bile di ralala motse, bakgweetsi ba supile fa diteseletso tsa go gweba go tswa kwa lephateng la dipagamo le ditlhaeletsano di supile fa ba tshwanetse go isa bapalami gongwe le gongwe kwa ba go batlang mo motseng, mme se se a ba thatafalela mo dinako dingwe ba iphitlhela ba folosa bapagami fa go sa tshwanelang ka mabaka a diemo tsa ditsela.
O ne a bua gape gore fa sengwe se sentswe ke dikhuti mo ditseleng, mapodisi a tsela a ba pega molato wa gore dikoloi tsa bone ga di a itekanela go ka pega setshaba.
Rre Mokalake o ngongoregetse gape gore ngwaga le ngwaga ba kgethela dikoloi mme ditsela tse ba tsamayang mo go tsone di le maswe.
Rakgwebo yo o tlhalositse fa seemo se se ama kgwebo ka jaanong ba berekela go baakanya dikoloi le go duela lekgetho mme bone ba lala ka tlala.
O tlhalositse fa ditsela dingwe jaaka e e yang kwa sekoleng se sebotlana sa Shoshong di sa tsamaege fa dipula di nele mme se se ba itse go isa bapalami kwa mafelong ao ka mabaka a go hema ditshenyegelo.
Rre Mokalake o koneteletse ka go re bogolo ba tsenyediwe tsela ya ditena mo motseng ka e sa ture jaaka go tshelwa ga sekontere.
Rre Vincent Keokgale, yo le ene e leng mokgweetsi wa dipalamo tsa setshaba, o ne a supa fa ditsela mo motseng di ngomola pelo.
O tlhalositse gape fa seemo se se ama ditlhabololo mo motseng ka go se na ope mogwebi yo o ka nnang le kgatlhego ya go tla go gweba mo motseng o o se nang ditsela ka ba tshaba ditshenyegelo tsa dikoloi le palo e e kwa tlase ya baji-bareki. BOPA
Source : BOPA
Author : Samuel Morewabone
Location : Shoshong
Event : Potsolotso
Date : 19 Apr 2017






