Breaking News

Bakwena ba ne ba itshwere sentle

19 Apr 2017

Mookamela mapodisi a Molepolole, Superintendent Charles Mbegwa o lebogetse banni ba Molepolole go bo ba nnile le boitshwaro jo bontle ka malatsi a paseka fa go lebeletswe seemo sa borukutlhi le dikotsi tsa tsela tse di neng di ritibetse ka malatsi ao.

E rile a bua mo potsolotsong, Superintendent Mbengwa a re tshisibalo le kagiso di bakilwe ke gore ba ne ba boloditse letsholo la mapodisi gongwe le gongwe e bile ba patilwe ke baithuti go tswa sekoleng sa mapodisi kwa Otse.

A re le fa go ntse jalo, go nnile le kotsi ya khombi e e neng e rwele batho ba ba neng ba ya kerekeng kwa Shoshong, mo tseleng ya Molepolole-Lephepe ka Tshipi motshegare.

A re kotsi eo e ne e se maswe ka mopalami a le mongwe a ne a bona dikgobalo tse dipotlana mme a ragosediwa kwa bongakeng kwa a fetileng a alafelwa dikgobalo tse dipotlana mme morago a ntshiwa gone foo.

Superintendent Mbengwa a re bakgweetsi ba ne ba itshwere sentle kwa ntle ga diphoso tse di seng kalo jaaka dikoloi di sekae tse di neng di sa itekanela le melato e mebotlana ya bakgweetsi ba ba neng ba kgweetsa ba se na diteseletso tsa go kgweetsa le  tsa go rwala batho ba le bantsi.

A re go bo dipalo tsa badira melato di ne di ile kwa tlase ka malatsi a boitapoloso go kaya gore melaetsa le dithuto tsa mapodisi di ntse di a tsena mo Batswaneng.

Mo melatong ya batho ba ba neng ba tsena mo lefatsheng e se ka tetla, ngogola ka malatsi a paseka go tshwerwe batho ba le bararo fa go tshwantshanngwa le ba ba tshwerweng le ba ba masome mabedi monongwaga.

Rre Mbengwa a re e re ntswa go nnile le koketsego ya dipalo, se se supa fa mapodisi ba ne ba bereka thata ba le gongwe le gongwe, ke ka moo ba kgonneng go tshwara badira molato oo ba le bantsi.

A re go bereka thata ga mapodisi go supagetse gape le mo melatong ya tsela. 

Rre Mbengwa a re monongwaga mo pakeng e, go tshwerwe dikoloi di le lekgolo le masome a mabedi le bobedi fa go tshwantshanngwa le tse di masome matlhano ngogola tse di neng di sa itekanela go ka tsamaya mo tseleng.

Superintendent Mbengwa o supile fa mothale o mosha wa go emisa batho ba bo ba botsolodiwa le go ba phuruphutsha le one o ba bereketse ka gore batho ba ba neng ba kaila mo mebileng ba gantsi ba kgonang go nna botlhabetsi ba ne ba tshwarwa ka one mothale o.

Rre Mbengwa o gateletse gore boitshwaro jo bo ntseng jaana bo supa gore batho ka bonya ka bonya ba a utlwisisa. 

A re ba tsena ntlo le ntlwana ba bua le batho ba ba lemotsha gore fa motho a tennwe ke yo mongwe ga a a tshwanela go itseela molao mo diatleng.

O weditse ka go rotloetsa gore boitshwaro jo bo nne teng mo malatsing a boitapoloso a a tlaa latelang mme batho ba dire tsotlhe tse di tlhokafalang go ikgapha mo go direng melato e e farologanyeng. BOPA

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 19 Apr 2017