Borukutlhi bo a tshwenya kwa Bobirwa
09 Jan 2013
Mapodisi a Bobonong a bolela fa borukhutlhi bo ile magoletsa kwa kgaolong ya Bobirwa.
Go ya ka mothusa mogolwane wa mapodisi Bobonong, Rre Mack Sonny, ba tlhotlhomisa ditiragalo tsa thubetso di le mmalwa.
Rre Sonny o tlhalositse gore ba ne ba amogela dipego tsa dikgang tsa thubetso di le pedi ka kgwedi ya Sedimonthole e le masome a mabedi le boraro.
A re mo kgannyeng ya ntlha, ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo a thubeditseng mosetsana wa dingwaga tse masome a mabedi.
A re go utlwala fa tiragalo e e diragetse kwa nokeng ya Motloutse kwa Bobonong bosigo.
Rre Sonny a re e ntse e le ka lone letsatsi leo, ba ne ba amogela pego e mo go yone mosimane wa dingwaga tse di lesome le bone a thubeditseng mosetsana wa dingwaga tse di lesome le borataro kwa kgotleng ya Borotsi kwa Bobonong bosigo go robetswe.
A re letsatsi morago ga la Botsalo jwa Morena, ba ne ba amogela pego e mo go yone rre mongwe wa digwaga tse di masome a mabedi le bosupa a beteletseng mme mongwe wa dingwaga tse di lesome le bofera bobedi kwa masimong a Godumapula kwa kgaolong ya Bobirwa.
O supile matshwenyego ka seemo sa borukhutlhi se a reng se tsaya phekelo e sele kwa kgaolong eo, bogolo segolo dikgang tsa thubetso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moreri Joseph
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 09 Jan 2013






