Breaking News

Mananeo a puso a molemo

18 Apr 2017

Mopalamente wa Lobatse gape e le tona wa di-tswa mmung, kgotetso le boranyane jo bo sa kgotleleng tikologo, Advocate Sadique Kebonang o rotloeditse morafe go inaakanya le mananeo a puso go itshetsa.

Mopalamente Kebonang o buile jalo a buisa phuthego ya kgotla kwa Woodhall bosheng.

O boletse gore batho ba ka itshetsa ka mananeo a puso le gone go tlhamela ba bangwe mebereko, e seng fela go ikaega ka puso go ba fa ditiro.

O tlhalosa gore o dira thotloetso e ka jaana Batswana ba ikaegile segolo bogolo ka ditiro, a tlatsa ka go re mo tsamaong ya nako botshelo jwa moepo bo a fela, a afa sekai ka moepo wa kopore kwa Selebi Phikwe, o a reng o na le dingwaga tse di ntsi o sa dire dipoelo, jalo puso ya tlamega go tsaya tshwetso ya gore o tswalwe mme bontsi bo ne jwa latlhegelwa ke ditiro.

Le fa go ntse jalo, o supile fa puso e sa latlha badiri ba moepo oo, ka dithulaganyo tsa go bona gore ba ka thusiwa jang di tsweletse.

Mma toropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger o kopile setshaba go nna matlho a puso, ka jaana e latlhegelwa ke madimadi go baakanya dipone tse di mo mekgwatheng ka ntlha ya tshenyo e e dirwang ke batho .

Fa a latlhela la gagwe, Rre David Relemogeng o ne a leboga mopalamente, a bolela gore puisanyo e e tlhamaletseng e botlhokwa, a tlatsa ka go kopa puso go dira lenaneno la itshetso le le lebaganeng le bagodi.

A re o tshwenngwa ke mosuke wa dikoloi mo toropong, a kopa gore go atolosiwa ga ditsela go nne mo ditogamaanong tsa khansele mo ngwageng o o tlang wa madi.

O ne a lebogela tshimolodiso ya madirelo a matlalo, a supa fa e tlaa thusa go nonotsha itsholelo ya toropo.

Fa a afa malebo, Mokhanselara wa kgaolwana ya Woodhall, Rre Molaodi Mantle o ne a lebogela loeto lwa ga mopalamente, a tlatsa ka go re Modimo o mo thuse go diragatsa tsotlhe tse a eletsang go di direla morafe wa Lobatse.

Ka jalo, o ne a kgothatsa morafe go ema moeteledipele wa bone nokeng ka dinako tsotlhe, go bona gore ba tshwaraganela tiro ya go tlhabolola toropo. BOPA

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Apr 2017