Ba tshwenngwa ke matlotla mo toropong
18 Apr 2017
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, wa kgaolwana ya Peleng Legare, Rre Phemelo Masisi, a re ga ba jesiwe diwelang ke dikago tse di fetogileng matlotla mo tikologong ya bone, ka jaana di leswafatsa tebego ya toropo.
Rre Masisi o bulie jalo ka Labobedi mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Lobatse gape e le tona wa ditswammung kgotetso le boranyane jo bo sa kgotleleng tikologo, Advocate Sadique Kebonang.
Rre Masisi a re dikago tseo, di ba tsisetsa dihawa ka jaana bangwe ba di fetotse mafelo a ba iphitlhang teng fa ba sena go amoga batho dithoto tsa bone mo mebileng le mo malwapeng, fa bangwe ba di dirisa jaaka dithotobolo.
Rre Masisi o ne a kopa gore ba direlwe motshelakgabo fa seporong go hema go diiwa ke terena nako e setse e tsamaile batho ba batla go ya tirong, a re gape go ka thusa go hema dikotsi fa makgabaganyetsong a seporo.
Fa a ba ema ka lefoko, Advocate Kebonang o tlhalositse gore o lemoga matlotla ao, ka gore bontsi e ne e le madirelo a batswakwa ba a reng go lebega ba boetse gae mme le fa go ntse jalo ditlhotlhomiso di tsweletse go batla kwa beng ba dikago tseo ba leng teng.
Advocate Kebonang o ne a ba lekodisa ka seemo sa khamphani ya go suga matlalo, kgokelo ya metsi go tswa Gaborone go tla Lobatse, kago ya mmolo le tshimolodiso ya madirelo a mashi ya Milk Afric e a supileng e setse e ntsheditswe madi go tlisa dikgomo tsa mashi go tswa Afrika Borwa
A re seo se tlaa thusa puso gore maikaelelo ao a atlege ka jaana mashi a a tlhaela mo lefatsheng leno e bile le ikaegile ka Afrika Borwa.
A re dikhamphani ka bontsi di tlhokana le metsi a mantsi, ka jalo kgokelo ya metsi go tswa Gaborone e tlaa thusa go fefosa go tlhongwa ga dikhamphani di tshwana le ya go suga matlao.
E rile a ema, mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, a bolela gore ba tshwere ka thata e le khansele go baakanya dipone tsa mo mekgwatheng morago ga gore go nne le diphetogo go tswa kwa go ba koporase ya motlakase gore ba tswe mo thulaganyong ya go duela tiriso ya bone ya motlakase jaanonong ba dirise dikarata go tsenya motlakase mo mafaratlhatlheng a bone fela jaaka kwa malwapeng.
A re ka jalo setshaba se ba inele diatla metsing ka tiego eo mme a supa fa tsotlhe di tlaa boela mannong mo bogaufing.
Mme Kruger o ne a tlatsa ka go re letsema la go baakanya ditsela go ralala toropo le tsweletse, morago ga gore di senngwe ke dipula tse di sa tswang go gosomana kgwedi e e fetileng.
E rile a akgela, mongwe wa banni, Mme Nikie Moipolai, a eleletsa mopalamente tshegofatso ka jaana a kgona go ba gopola e le banni ba kgaolo le mororo ba lela ka bodiredi gore ga ba dire tiro sentle ka jaana a ne a ntshitse dimpho tsa dijo mme ka maswabi barongwa ba ne ba lebala go abela bagodi.
Fa a tswa la gagwe, Moruti Daniel Otlaadisa o ne a iteela legofi mpho ya ditilo tse di masome mabedi le botlhano go tswa kwa go mopalamete, a supa fa a arabile letlhoko la bone kwa kerekeng mme a mo kgothatsa go ikaega ka Modimo ka dinako tsotlhe. BOPA
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Apr 2017






