Itshupeng ka ditiro - Maele
18 Apr 2017
Tona wa tlhokomelo lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho ya leswe, Rre Prince Maele o rotloeditse maloko a kereke ya Tree of Calvary Apostolic go nna sekao mo dikerekeng tse dingwe mo tirong ya go direla Modimo.
Fa a bua kwa bokopanong jwa malatsi a paseka jwa kereke eo kwa Gootau bosheng, Rre Maele a re maloko a kereke eo, e e tlhamilweng ka 2014 a tshwanetse go itshupa gore a tlaa dira se se pharologanyo le se dikereke tse di duleng mo tseleng di se dirang.
A re dikereke ka bontsi ga di kgone go itshwarelela mme o na le tsholofelo ya gore ka kereke eo e sale ntsha, e tlaa tswelela go sena dikgotlhang tse di ka bakang gore e thubege.
Rre Maele a re go le pele dikereke di ne di sa letlelelwe di kgokgontshiwa ka magosi ba ne ba dumela fa baruti ba tlaa ba tseela morafe, mme seemo se fetogile ka puso e letlelela dikereke e bile di fiwa ditlankana le go abelwa ditsha gore ba age matlo a kobamelo Modimo.
A re mo dingwageng tse di fetileng ditiro tsa dikereke di ne di bonala ka di ne di thusa setshaba ka go se agela dikole le dikokelo mme seo ga se diragale mo malatsing ano.
O ne a rotloetsa kereke eo go tswelela e direla setshaba ka go bonala ba le mo tseleng e e maleba.
Rre Maele a re go a bonala gore kereke ya Tree of Calvary Apostolic e itlhophetse pilara e e leng yone ya go aba ka fa e sale e tlhangwa ka 2014 e abetse batlhoki makgetho a le mmalwa, a bolela fa seo e le sone se puso e se batlang.
O ne a gakolola maloko a kereke eo go tila dikgwetlho tse di ka busetsang kereke ya bone morago.
A re go a bonala fa kereke eo e simolotse sentle ka e setse e na le makalana a fera bongwe mme e le ntsha go tlhangwa.
Rre Maele o tlhalositse fa kereke e le gone kwa batho ba yang teng ba batla pholo mme dikereke di fetogile ka batho fa ba ya teng ba felela ba sa itumele ka go dirwa tse di kgatlhanong le molao wa Modimo.
O ne a ba rotloetsa go tsamaya ka tsela e e supang fa ba itlhaloganya e bile ba itse kwa ba yang teng.
A re ba tshwanelwa ke gore ba seka ba tsena mo dikgogakgoganong di tshwana le tsa go lwela maemo, go dira makgamu le gone go lwela madi le ditsompelo tsa kereke.
Moruti Amos Moremi wa kereke eo o ne a bolela fa kereke ya bone e thailwe ka tlhotlheletso ya mowa o o boitshepo ke moruti yo motona ebong Moruti Abednico Senatla.
A re maikaelelo a kereke ya bone ke go rera lefoko la Modimo le go sokolola ba ba mo lefifing go ba tsisa mo leseding.
A re ba tsweletse ka go fetola matshelo a batho ka go farologana ka ba abela ba ba tlhokang e bile ba kgona go tshwara dithapediso ba itebagantse le tse di tshwenyang setshaba di tshwana le tsa dikotsi tsa tsela.
Kgosi Maele Maele wa Gootau o ne a akgolela kereke ya Tree of Calvary Apostolic go tshwaragana le morafe ka go abela batlhoki.
A re se se supa fa ba na le bone mo dilelong tse ba nang le tsone di tshwana le tsa botlhoki. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Goo-Tau
Event : Tirelo ya malatsi a paseka
Date : 18 Apr 2017






