Tsayang thuto tsia - Ramotlabaki
18 Apr 2017
Kgosi Samuel Ramotlabaki wa Gamodubu mo kgaolong ya Kweneng o kgothaditse batsadi ba motse oo go tlhoafalela go tsenya letsogo mo thutong ya bana.
Kgosi Ramotlabaki o buile jaana mo phuthegong ya batsadi, barutabana le bana ba mephato ya borataro le bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa motse oo bosheng e e neng e rulagantswe ke bagolwane ba thuto ba kgaolo ya Kweneng.
Kgosi o supile fa batsadi e le bone ba ba tshwanetseng go rwala ditlhabololo tsa sekole ka magetla a re ke bone beng ba motse mme barutabana bone ba tsena ba tswa.
E rile a itebaganya le bana, kgosi a supa fa lefatshe la Botswana le tlhaelelwa ke bomaitseanape ba ba farologanyeng, ka jalo le sa ntse le patelesega go thapa bomaitseanape go tswa mo mafatsheng a sele.
A re ka jalo lefatshe le beile mo go bone gore e nne bone ba ba tlaa tsogang ba dira ditiro tsa bomaitseanape.
E rile fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto, Rre Mokwadi Tese a gatelela fa go le botlhokwa go tshwaraganela ngwana ka ke tlholego ya setho.
A re ngwana yo o sa tshwaraganelweng o nna makgasa, ditokitoki mme a tlhoke go dira sentle mo dithutong.
O boletse fa go tlhoka go tsena diphuthego ga batsadi e le nngwe ya ditsela tse di dirang bana makgasa mo sethong ka go ama maikutlo a bone, selo se a reng se baka go tlhoka boitekanelo jwa go emela ditlhatlhobo.
Rre Tese o kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba buang barutabana leswe, ka a re puo nngwe le nngwe e bana ba e utlwang ka morutabana, ba a e dumela mme ba e tseele le mo dithutong tsa bone.
“Go dira jaana, go paledisa ngwana go ithuta ka a sa bone morutabana ka sepe fa a ruta,” a gatelela.
A re mo dinakong tse dingwe batsadi ba kgoba bana marapo ka go bua puo e e senyang barutabana, bagolo ba bangwe le baeteledipele ba morafe tota ba akaretsa dikgosi. BOPA
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : Gamodubu
Event : Phuthego
Date : 18 Apr 2017






